Solang dikago molemo - Lelatisitswe
13 Sep 2022
Banana ba Boteti Botlhaba ba rotloeditswe go ikopela ditiro mo ditirong tse di tsweletseng kwa Letlhakane di tshwana le go agwa ga sekole se sebotlana le diofisi tsa sepodisi.
Rre Sethomo Lelatisitswe o ne a ntsha thotloetso e mo phuthegong ya kgotla kwa kgaolwaneng ya Letsibogo bosheng.
O boleletse banana ba kgaolo ya gagwe fa ba tshwanetse go nna bone ba ntlha go ikopela ditiro go na le go ithela moriti o tsididi mo ditiro di felelang di tsewa ke ba ba tswang kwa ntle.
O tlhalositse fa motho a tshwanetse go tlhoafala fa a batla tiro mme a e latele gone kwa e leng teng.
O ne a fa sekai ka batsadi ba maloba ba ba neng ba tswa ba ya kwa Afrika Borwa ba ya go batla ditiro.
Mopalamente o ne a kopa banana go nna pelotelele go batla ditiro.
A re bangwe ba banana ba ikemiseditse go dira mo lenaneong la Ipelegeng ntswa e se la sennelaruri e bile e se le motho a ka tlogelang leruo la gagwe kana tshimo ka lone.
O ne gape a itsese banni fa puso e emisitse theko ya di-tswa temong kwa mafatsheng a sele mme a supa fa ba ka dirisa sebaka se go lema gore ba kgone go rekisa.
Mo go tse dingwe, Rre Lelatisitswe o ne a kopa batsadi go tlhokomela bana ba ba santseng ba tsena dikole ka bangwe ba bone ba dule mo tseleng.
A re go setse go na le dikgang tse di ngomolang pelo kwa dikoleng di tshwana le tiriso ya ditagi le go tsamaya ka dilo tse di borai.
A re kwa sekoleng se segolwane sa Motsumi gone kwa Letlhakane, go nnile le kgang e e tshosang ya moithuti mongwe yo o neng a ya sekoleng a tshwere tlhobolo, e bile dipatlisiso di ne tsa supa fa moithuti yoo a dirisa ditagi.
Ka jalo, Rre Lelatisitswe o ne a kopa batsadi go thusa barutabana mme ba rurifatse gore bana ba bone ba itshwara sentle e bile ba ile dikoleng.
A re bangwe ba baithuti ba felela ba tswa mo tseleng ntateng ya dithuto tse di tsenang gabedi kwa sekoleng ka ba bangwe ba sa tsenelele dithuto gotlhelele fa bangwe ba bone ba ya kwa sekoleng mo mosong mme ba tsena motshegare, ka jalo ba dire tse di sa letlelelweng.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Letlhakane Botlhaba, Mme Rebecca Oitsile o ne a lebogela maiteko a a neng a dirwa go tokafatsa seemo sa ditsela mo kgaolong ya bone.
Le fa go ntse jalo, o ne a ntsha matshwenyego ka letlhoko la ngaka kwa kokelwaneng ya Letlhakane.
O ne a kopa gape gore kokelwana eo e tsholetswe seemo gore e dire bosigo le motshegare.
O ne a supa fa a tshwenngwa ke batsadi ba ba rekisetsang baithuti diritibatsi.
Sub-inspector Edwin Maruping go tswa kwa sepodising sa Letlhakane o ne a supa fa go na le tiriso e e kwa godimo ya ditagi ke baithuti.
A re ntswa mapodisi ba leka ka bojotlhe go lwantsha borukutlhi jo bo dirwang ke baithuti, go na le batsadi ba ba emang bana ba bone nokeng fa ba dirile molato ntswa ngwana a ka otlhaiwa go mo tsenya mo tseleng.
O ne gape a kopa tshwaragano ya batsadi le mapodisi go thusana borukutlhi jo bo dirwang ke baithuti.
Mookamela kokelo ya Letlhakane, Mme Kelediretse Machacha o ne a tlhalosa fa ngaka yo o itebagantseng le dikokelwana a le teng mme kokelo yone e sena ngaka mo nakong eno.
A re ngaka yo o itebagantseng le dikokelwana o na le malatsi a a yang go bona balwetsi ka one.. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : LETLHAKANE
Event : Phuthego
Date : 13 Sep 2022