Borukutlhi bo a tshwenya kwa Mosolotshane
13 Sep 2022
Mosolotshane a re borukutlhi bo ile magoletsa kwa motseng oo.
O buile jaana mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe ke mopalamente wa Shoshong, Rre Aubrey Lesaso ka Labone kwa Mosolotshane.
Kgosi Molefhi a re babelaelwa ke batho ba le bangwefela mme ga ba bone bape ba isiwa fa pele ga lekgotla la ditsheko ka gore jaanong ga ba sa tlhole ba batla go seka mo lekgotleng la Setswana ka ba itse gore ba atlholwa gone foo.
A re magodu a a ba tlhorontsha, ga ba sa tlhole ba na le leruo.
O supile fa molao o mosha wa lephata la kabo ditsha wa go fetisetsa ditsha kwa baneng (boswa) o ba baya ka fa mosing ka thulaganyo ya teng e le telele e bile e lopa madi a mantsi.
A re ka motse wa bone go lebega o godile, ba kopa gore ditlamelo di ba atamele mme a kopa kokelo e kgolwane ka gore e e leng teng, dipalo tsa banni di a e fekeetsa.
Leloko la komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Kenaleone Sibi o kaile fa ditiro tsa Ipelegeng di sa tsamae sentle ka gore ditlamelo di a tlhaela.
A re ba na le ditiro tse di saletseng kwa morago, jalo ba kopa gore ba thusiwe ka ditsompelo go wetsa.
Mme Sibi a re go tlhoka mmaboipelego go baka gore banni ba sokole go bona dithuso.
O ngongoregetse ka fa ditiro di ajwang ka teng a re letlhoko la ditiro le lentsi mo motseng mme ba bona ditiro tsa mo gae di abelwa batho ba ba tswang kwa ntle ntswa ba na le badiri mo gae.
Mo pegong ya gagwe, Mopalamente Lesaso o supile fa motse o tlaa agelwa kokelo e kgolwane le gore go tlaa nna le koloi ya balwetse e e tlaa bong e nna kwa Moralane mme metse e mebedi e e dirisa mmogo.
A re ba tsere tshwetso ya gore go rekelwe dikole tsotlhe mo kgaolong ya Shoshong ditilo, ditafole le metshine e e ntsifatsang dipampiri, a re tsotlhe tse, di solofetswe ngwaga one o.
Mopalamente a re puso e tsere tshwetso ya gore madi a ngwaga o o tlang a Constituency Community Project a tlaa bo a dira ditsela tsa lefatshe.
O tlhaloseditse banni gore lenaneo la go abela bana ba dikole dikhomputara, tsholofelo ke gore le bo le wetse ngwaga o o tlang.
Mo dikakgelong banni ba ne ba ntsha matshwenyego a gore metsi a ba a anwang a kgotlelesegile ga a a siamela botsogo mme ba kopa gore ba sielwe metsi a a siameng.
Banni ba ne ba eletsa go itse gore a e a re go dirwa mananeo jaaka la Botswana Speaks, go bo go lebeletswe batho botlhe, ka gore o fitlhela bontsi le ba baya ka fa mosing, ntateng ya maranyane. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onkarabile Moeng
Location : MOSOLOTSHANE
Event : Phuthego
Date : 13 Sep 2022