Mokgatlho wa 1972 o abela sekole
13 Sep 2022
Mokgatlho wa bana ba sekole se segolwane sa Maun wa 1972 o abetse sekole seo diporintara di le tharo.
Dialogane tsa 1972 ke bone mophato wa ntlha go bula sekole sa Maun mme ba ne ba rutwa ke baithaopi go tswa kwa Amerika.
Fa ba aba dimpho tse ka matlhatso, molomaganya tiro eo, Dr Eagilwe Segosebe o tlhalositse fa sekole se segolwane sa Maun se le gaufi le dipelo tsa bone thata ka e le bone mophato wa ntlha go se bula.
O ne a supa fa dimpho tse di kgobokantswe ke mokgatlho wa 1972 le barutabana ba bone ba mo nakong eno ba boetseng kwa Amerika.
Dr Segosebe a re ga se la ntlha ba tla go aba mo sekoleng ka ba kile ba dira jalo pele ga COVID-19 ba aba thelebishene, dibalamakgolo le diporintara.
A re ntswa ba setse ba tlogetse tiro ka bogodi, ba tlhaloganya fa dikole di na le kgwetlho ya didirisiwa tse di ka tokafatsang thuto, ka jalo se se ba gwetlhile gore ba kgobokanye mo ba nang le gone go thusa.
Moithuti yoo wa pele, o boletse fa sekole se se sugile dikgantshwane di le dintsi tse di atlegileng mo botshelong, segolo bogolo mo go tsa metshameko, ka jalo go le botlhokwa gore ba nne ba gata mo sekolong go kgothatsa baithuti ba nako eno.
Dr Segosebe a re o dumela fa dimpho tse di tlaa kgothatsa baithuti go bereka ka natla go fitlhelela ditoro tsa bone.
E rile a amogela dimpho, Mogokgo Kagiso Casalis a leboga mokgatlho wa 1972 a tlatsa ka go re dimpho tse di kgethegile ka go bo mophato oo e le one o butseng sekole seo.
O boletse fa thuto e tshwanetse go tshwaraganelwa ke botlhe ka mo nakong ya gompieno puso e sena madi a go reka didirisiwa dingwe mo dikoleng.
A re diporintara tse di ba tiisa moko go bereka ka natla, ka jalo a itlama gore sekole sa Maun se tlaa ntsha maduo a a kgatlhisang.
Mme Casalis a re mowa wa go neela o tshwanetse wa rotloediwa ka dinako tsotlhe ka go bo go dira jalo go aga setshaba.
O tlhalositse fa ba dumela fa ba fiwa dimpho tseo ka lorato e seng gore ba na le go le gontsi, ka jalo a ba rotloetsa go tswelela ba dira le go feta.
Fa a tswa la gagwe, moithuti Chidzani Gabototwe o ne a leboga mokgatlho oo a re mpho eo e tlaa ba kgothatsha gore ba ithute gore le bone ba ipone ba boela mo sekoleng sa bone go aba mo nakong e e tlang.
O ne a tshephisa fa ba tlaa tlhokomela diporintara tseo gore di ba sologele molemo gore ba atlege mo dithutong tsa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Ikgopoleng
Location : MAUN
Event : Kabo dimpho
Date : 13 Sep 2022