Breaking News

Maranyane a ka oka babadi

13 Sep 2022

Puo le padi ya Setswana ke pinagare ya ngwao ya Batswana, ka jalo e tlhoka go somarela gore dikokomane di e akole.

Mafoko a, a builwe ke mogolwane wa ditlhaeletsanyo kwa Orange Botswana, Mme Lepata Mafa kwa thuto-puisanyong e e neng e rulagantswe ke ba Motlhaolosa Poetry Ensemble kwa Mogoditshane ka Matlhatso.

Mme Mafa o tlhalositse fa puo le padi ya Setswana go dirisiwa maranyane e ka ngoka tiriso ya puo le go dira ditlhamo tsa poko ga mmogo le go kwala dibuka.

O boletse fa mo nakong e ya tiriso ya maranyane, go le botlhokwa gore bakwadi le baboki ba Setswana ba itshwaraganye le baitseanape ba maranyane go bona ka fa ba ka dirisang maranyane ka teng go anamisa tiro ya bone.

O boletse fa se gape se ka thusa gore Setswana se nne le boleng, bogolo jang ka jaana banana ba tlotlile tiriso ya maranyane.

Mme Mafa a re tiriso ya maranyane e ka ngoka babadi ba le bantsi fa e dirilwe gore e kgatlhise le fa e phatlaladiwa ka mokgwa o o eletsegang.

A re ke gone ka moo bakwadi ba tlhokang go ikamanya le baitseanape ba maranyane go ba tlhalosetsa ka fa go berekang ka teng.

A re, gore Setswana se gole ba ka simolola ka go dira dikopo tse di tshwanang le tsa bo French, Spanish le tse dingwe.

Batswana ba kwadile dibuka ba le bantsi, ka jalo ga go pale sepe gore ba ka di ranolela mo maranyaneng gore le batswakwa ba ithute Setswana.

O supile fa kwa Orange Botswana ba na le lenaneo la Orange Digital School le ka lone ba tsentseng dithuto tsotlhe mo maranyaneng, Setswana le sone se le mo teng.

O ne a gatelela gore maranyane gape a ka tsisa dikakanyo tse disha mo bakwading ka tiro ya bone e tlaa bona phatlalatso le theko lefatshe ka bophara.

Fa a tswa la gagwe, Motlhami wa mokgatlho Rre Moroka Moreri o supile fa maikaelelo magolo a thuto-puisanyo e, e ne e le go rotloetsa puo le ngwao  ya Setswana gore e nne le boleng lefatshe ka bophara.

O supile gore go dira jalo gape go ka thusa gore ba fitlhelele letshego la botlhano la Agenda 2036, le ka lone go ikaelelwang gore Africa a nne le ngwao e e nang le bokao e bile e nonofile.

Thuto-puisanyo e, e ne e kgobokantse ba-na-le seabe go buisana ka gore a padi ya Setswana e santse e na le boleng, bogolo jang mo dinakong tse go ikaegilweng thata ka tiriso ya maranyane le go bona gore e ka somarelwa jang.

Ba-na-le seabe ba supile fa go le botlhokwa gore Setswana e nne nngwe ya diteme tse di isang boleng jwa thuto kwa mankalenkaleng mo lefatsheng la Botswana le Borwa jwa Africa.

Mokwadi wa lokwalo lwa Botlhodi Jwa Nta Ya Tlhogo, Rre Tiroentle Pheto le ene o buile a sa kgwe mathe ka botlhokwa jwa tiriso ya puo ya Setswana a supa fa talente e le ntsi mo Botswana mme e tlhoka badiragatsi.

O rotloeditse banana gore ba ithute go kwala ditso le ngwao tsa bone, a supa fa ditso tsa tshaba di ka itsiwe fa e dirwa ke bone Batswana ka sebele.

Rre Pheto a re mokwadi ke segakolodi sa tshaba e a tshelang mo go yone, ka jalo a rotloetsa gore bana ba rutwe Setswana le bodiragatsi ka tlhoafalo go tswa kwa moding wa thuto. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Naomi Leepile

Location : Gaborone

Event : Thuto-puisanyo

Date : 13 Sep 2022