Banni ba lela ka lenyora
13 Sep 2022
Go tlhoka go goroga ga metsi mo dintlheng dingwe tsa Nlapkhwane, Mapoka le Kgari kwa Tati Bophirima ga go jese banni di welang.
Banni ba mafelo a a amegang ba ikuetse mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di tshwerwe ke mopalamente wa kgaolo, Rre Simon Moabi kwa metseng eo bosheng.
Ba re le fa metsi a ka tswa a le teng kwa metseng ya bone, sebe sa phiri ke gore kwa mafelong mangwe ga a goroge gotlhelele, fa bangwe ba supa e a re dinako dingwe a rothe bosigo go setse go robetswe.
Banni ba kopile Water Utilities Corporation (WUC) go potlakela seemo se ba reng ba belaela se bakwa ke moalo o o phatlalatsang metsi. Bangwe ba kopile gore bogolo ba nne ba tsisetswa metsi ka dikoloi tse di rwalang metsi, go namolwa mo lenyoreng, ba supa fa ba kgona go nna dibeke go sena le fa e le thothi e e rothang mo dipompong.
Ba re go utlusa botlhoko go bona metsi a dutla gongwe le gongwe mme bone ba le mo lenyoreng. Se se ngomolang pelo le go feta ba re ke go bo Water Utilities Corporation e tsweletse ka go tsena mo malwapeng a bone, go bala dimmithara ba bo ba lopiwa dituelo mme dipompo di nna di phaphaletse.
Banni ba supile fa ba sa bolo go itela gore metsi ga a goroge mo mafelong mangwe a metse mme WUC e ithetse moriti o tsididi.
Mme Gloria Matshameko wa Kgari a re go na le gore ba lopiwe dituelo tsa metsi a ba sekeng ba a bona, bogolo WUC e ntshe dipompo mo malwapeng a bone, ba boele kwa segologolong sa go nwa kwa dinokeng.
Bangwe ba ne ba supa bodiredi jwa WUC ka monwana ba re mo gongwe dimmithara ga di balwe, go abelelwa fela.
Modiri wa WUC, Mme Yvonne Mothupi o ne a tlhalosa le go tshepisa morafe fa ba tlaa leka bojotlhe go ba thusa.
Banni ba ne ba itela gape mo mopalamenteng ka ditlhabololo di akaretsang matlo a badirelapuso, maemelo a dibese mo ditseleng tse di ralalang metse le gore go dirwe ditotoma mo dintlheng dingwe tsa ditsela tseo, go ngotla lobelo lwa bakgweetsi.
Ba kopile gore ditsela tse di mo metseng le tse di lomaganyang metse di baakanngwe ba bo ba leboga puso ka go wediwa ga paakanyo ya tsela ya Mulambakwena-Ramokgwebana.
Banni ba kopile ba ba lebaneng go tlhoma leitlho thata dikhamphani, go tlhomamisa gore di dira tiro ka fa tshwanelong, go itsa gore madi a puso a felele a tsene mo motlhobodikeng.
Fa a tswa la gagwe, Mopalamente Moabi o ne a itsese banni fa tlhaelo ya madi e le yone e emang pele go diragadiwa ga ditlhabololo dingwe tse ba di eleditseng, a re puso e ntse e mekamekane le go lwantsha bolwetse jwa COVID-19 mme bosheng, go tlhagogile bolwetse jwa Thako le Molomo kwa Zone 6b mme le jone bo tlama puso go tsenya letsogo mo kgetsing, go bo lwantsha.
Re Moabi o gwetlhile dikomiti tsa ditlhabololo go bereka ba le seopo sengwe le ba-na-le seabe ba bangwe, go tlhabolola metse ya bone, a re ba bereke ka thata gore ba seka ba swabisa setshaba se se ba rwesitseng boikarabelo joo.
A re maikalelo a gagwe ke go bona metse ya kgaolo ya gagwe e na le ditlhabololo tsa segompieno, a supa fa a eletsa go bona motse mongwe le mongwe o na le leobo la kgotla la segompieno. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : NLAPKHWANE
Event : Phuthego
Date : 13 Sep 2022