Khansele e tlaa phepafatsa
13 Sep 2022
Khansele ya Gaborone e simolotse go itlhokoletsa boipuso jwa monongwaga mme dingwe tsa tse di tlaa dirwang e tlaa nna go phepafatsa toropo.
Fa a bua kwa phuthegong ya babegadikgang kwa Gaborone ka Labotlhano, Ratoropo wa Gaborone, Rre Austin Abraham o tlhalositse fa khansele e tlaa dira lenaneo la go phepafatsa mo kgweding ya Lwetse jaana.
A re khansele e tlaa bereka le lekoko la bogakolodi, le le tlaa thusang gore setshaba se ipelele boipuso mo tikologong e e phepa.
Rre Abraham a re ba tlaa bo ba tshwaragane le bagwebi le dikhamphani tse di ikemetseng gore ba tle ba kgone maikano a ba solofelang e tlaa nna a sennela ruri gore Gaborone le ene a tshwane le ditoropo tse di itseweng ka bophepa lefatshe ka bophara.
A re tiro e, e tlaa simolola ka Labotlhano go fitlhelela Lwetse a le masome mabedi le boraro, go phepafadiwa dikgaolo tsotlhe tsa botlhopi kwa Gaborone.
Rre Abraham o supile fa go tlaa selwa matlakala, go gopa metsi a a leswe, go baakanya ditlhare le tse dingwe mme tsholofelo e le gore go tswelelwe jalo mo isagong.
O kopile setshaba go tsenya letsogo mo tirong e gore boipuso e nne jo bo itumedisang, tikologo le yo ne e bo e le phepa.
Mogolwane go tswa kwa Business Botswana e bile a le mo lekokong la go phepafatsa toropo, Rre Gobusamang Ebineng a re tshwaragano le setshaba e ka thusa gore tiro e tsamae sentle.
O kaile gore toro ya go bona Gaborone a le phepa e tshwanetse go nna ya Motswana mongwe le mongwe.
Rre Ebineng a re go ka nna molemo fa dikhamphani tse di ikemetseng di ka tsenya letsogo, go godisa mogopolo gore ditoropo tse dingwe mo gae di rotloetsege. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Bakang Wren
Location : GABORONE
Event : Phuthego
Date : 13 Sep 2022