Breaking News

Tirisanyo mmogo e tsisa maduo a mantle

13 Sep 2022

Mokhanselara yo o itlhophetsweng wa Nata/Gweta, Mme Kebonyetsala Letsamao-Lindemann a re tshwaragano le tirisanyo mmogo ya batsadi le barutabana e ka tsisa maduo a mantle mo dithutong.

Mme Letsamao-Lindemann o buile jaana kwa moletlong o o neng o rulagantswe ke ba sekole se sebotlana sa Sowa go ipelela phenyo ya lekwalo la bosupa.

O ne a lebogela tirisanyo mmogo e ntle e batsadi ba e supileng, a re go bo sekole seo se kgonne go fitlhelela fa se leng gone ke ka lebaka la tomagano eo.

Mokhanselara o tlhalositse fa thuto e le selo sa botlhokwa mo matshelong a batho le mo go tlhabololeng itsholelo ya lefatshe.

O ne a ba gakolola go etela sekole nako le nako go kopanela mathata a bana le barutabana, a bo a kopa baithuti go tsaya dithuto ka tlhoafalo.

A re thuto ke boswa jo bo sa amoganweng e bile e ka ba thusa go tshela sentle fa ba ka fenya dithuto.

Mogolwane mo ofising ya thuto kwa Tutume, Rre Shadreck Moffat a re maduo a ditlhatlhobo mo dikoleng tse di mo kgaolong-potlana ya Tutume a wetse tlase thata mo dingwageng tse tharo tse di fetileng.

Rre Moffat a re le fa go ntse jalo, sekole sa Sowa ke sengwe sa tse di santseng di tsweletse ka go dira sentle.

O ne a gwetlha botsamaisi le barutabana ba sekole seo go abelana maele kana botsipa jwa bone le dikole tse di mabapi go re le tsone di kgone go dira jaaka sone, a gatelela ka go re matlo go sha mabapi.

Mokwaledi wa toropo ya Sowa, Mme Kefentse Ngwamotsoko a re ga ba jesiwe di welang ke dikgang tsa kgokgontsho tse di amang bana.

Mme Ngwamotsoko a re ba lephata la boipelego ba tshwere phage ka mangana ka dikgang tsa tiriso botlhatswa ya bana ba basetsana.

A re se se ngomolang pelo go feta ke gore batsadi ba bana bao ba ithetse moriti o tsididi ka dikgang tseo.

A re seo ke sengwe sa dilo tse di dirang gore baithuti ba palelwe ke go dira sentle kwa dikoleng.

O ne a kgala barutabana ba ba nang le mokgwa wa go kgoba baithuti ka go ba bitsa ka maina a e seng one a tshotlo, a re ga go na ngwana ope yo go ka tweng o a palelwa ka ngwana o tshwanetse go thusiwa gore a kgone go nna le seabe le go ka itshupa bokgoni.

Mothusa mogokgo wa sekole sa Sowa, Rre Andrew Mokgosi o boletse fa sekole seo se tswa kgakala se dira botoka mo maduong a ditlhatlhobo a lokwalo lwa bosupa fa e sale ka 2015.

A re ngogola sekole seo se dikile se pasitse ka se tsere maemo a ntlha mo kgaolong ya Tutume mme se le mo maemong a boraro mo lefatsheng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : SOWA

Event : moletlo wa go e pelela phenyo

Date : 13 Sep 2022