Breaking News

Metsi a phatlaladiwa le dikgotlana tse disha

13 Sep 2022

Moeteledipele wa koporase ya Water Utilities mo Tsabong, Rre Benjamin Baitshenyetsi a re lephata leo le tsweletse sentle ka tiro ya go phatlalatsa metsi mo motseng ka e sa tswa go epa didiba tse pedi le go gokela diphaephe go isa metsi kwa dikgotlaneng tse disha.

O buile jalo ka Laboraro mo phuthegong e e neng e biditswe ke mopalamente wa Kgalagadi Borwa, Rre Samuel Brooks go araba matshwenyego a banni ba kgotlana ya Matlhatlaganyane.

Rre Baitshenyetsi a re Tsabong o tsweletse ka go gola mme o tlhoka ditlamelo, ka jalo ba dira gotlhe mo ba ka go kgonang go timola lenyora.

O tlhalositse fa mo nakong eno go setse go epilwe didiba tse pedi kwa bokone jwa Tsabong go fokotsa seemo sa letlhoko la metsi.

A re phatlalatso ya metsi go tswa kwa didibeng tseo e simolotse go dirwa ka go setse go epetswe phaephe e e botona jwa 355 millimeters e e tswang bokone mme e felela gaufi le marekisetso a leokwane a Engen fela fa o tsena ka Tsabong.

Mo sebakeng se, mogolwane yoo a re go setse go dirilwe moalo o o tlaa phatlalatsang metsi kwa dikgotlaneng tsa Matlhatlaganyane le Bogosing mo Tsabong.

Rre Baitshenyetsi a re go tlaa okediwa le bokete jo metsi a tswang ka jone mo dipompong.

Mabapi le dikgotla tse disha tse di sa tswang go segwa, Rre Baitshenyetsi a re thulaganyo ke gore lephata la metsi le kabo lefatshe le filwe boikarabelo jwa go ala mafaratlhatlha a metsi mo kgotleng fa e le ntsha mme e le ba Water Utilities Corporation tiro ya bone ke go gokela metsi mo selekanyong sa 200 metres fela.

 “Go feta foo e nna boikarabelo jwa lephata go sega moalo.”

O gakolotse banni ba kgotlana ya Matlhatlaganyane gore ba ikgobokanye fa ba fetile sekgala se se beilweng go rotloetsanya go gokela gore phatlalatso ya metsi e nne bofefo go goroga kwa banning ba ba kgakala go feta 200 metres.

Rre Baitshenyetsi a re ba dirile thulaganyo mo dikgotlaneng tse disha tse di iseng di direlwe mealo go ba tsisetsa metsi ka dipompo tsa setshaba mme jaanong ba itemogetse gore bangwe banni ba ne ba ikgokelela metsi mo go tsone ka maretshwa mangwe.

A re fa ba sena go lemoga seo ba senka mofuta o sele go itsa tshenyo.

“Re solofetse dipompo tse disha tse re tlaa di gokelang mo mafelong a a senang metsi ka Phalane gore baagi ba bone metsi,” a tlhalosa.

Gape a re fa go senang sepe gotlhelele ba baya ditanka go tsisetsa banni metsi ntle le tuelo epe.

Mo thulaganyong e nngwe ya WUC, a re banni ba ka reka metsi kwa go bone ba dirisa ditlankana tsa ditsha mme ba lopa P39 fela fa monni a reka metsi a selekanyo sa 1 000 liters.

Moagi wa kgotlana ya Matlhatlaganyane, Mme Kefilwe Ntau yo e leng mongwe wa banni ba ba supileng matshwenyego ka letlhoko la ditlamelo tsa motlakase le metsi mo dikgotlaneng tse disha kwa Tsabong a re ka nako ya tlhagogo ya bolwetse jwa COVID-19, ba Water Utilities Corporation ba ne ba beile ditanka tsa metsi go laola seemo sa kanamo ya mogare mme e ne ya re bolwetse bo sena go kokobela tanka eo ya tsewa.

O kopile gore e busiwe ka ba santse ba tlhoka metsi.

Fa a araba, Rre Baitshenyetsi a re ba tlaa latedisa gore ke eng tanka ya metsi e tserwe.

A re go a supagala gore go na le tshenyo e e diragalang ka banni bangwe ba utswa dipompo tsa ditanka tseo tse Water Utilities Corporation e tshwanelwang ke go di reka kgapetsa-kgapetsa.

Gape a re banni bangwe ba pompa metsi bosigo ka di generator mo di tankeng ba isetsa dipodi kwa merakeng.

Fa a bua ka dikgang tsa phatlalatso ya motlakase mo dikgotlaneng tse disha, moeteledipele wa Botswana Power Cooperation mo Tsabong, Rre Godiraone Kgaolo a re Tsabong o tsweletse ka go gola mme e bile o fekeetsa ditlamelo.

A re mealo ya motlakase e e neng e dirilwe ke lephata la di-tswa mmung boranyane jwa pabalelo tikologo le tlhomamiso tsa kgotetso bogologolo e siilwe ke nako, ka jalo ba simolodisitse letsholo la go dira moalo o mosha mo dikgotlaneng tse disha.

A re e re lentswa go ntse jalo, letlhoko la madi ke kgwetlho mo go direng dikanoko go diragatsa seo.

A re thulaganyo yone e setse e le teng ka ba santse ba le mo logatong la ntlha ba gobokile Tsabong go tswa ntlheng ya Mabuasehube go tsena ka kwa metseng e mesha mo kgotleng ya Matlhatlaganyane.

Mo go tse dingwe a re ba BPC ba gatetse pele ka kgokelo ya motlakase mo metseng e e bapileng le Tsabong mme ba tlaa phatlalatsa motlakase kwa McCathy’s Rust.

“Tiro eo e setse e abetswe kompone e e tlaa e simololang mo bogaufing.”

Mopalamente wa Kgalagadi Borwa, Rre Samuel Brooks o lebogetse tirisanyo mmogo e ntle ya banni le badirelapuso ka go lemoga fa go na le tlhaelo ya ditsompelo.

A re motse wa Tsabong o golela pele mme go botlhokwa gore go ngathoganwe ka bokgabane ditsompelo tse di teng gore banni ba bone ditlhabololo.  BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : TSABONG

Event : PHUTHEGO

Date : 13 Sep 2022