Bodiredi bo tshwanetse go arogana kitso
12 Sep 2022
Mopalamente wa Molepolole Borwa Rre Kabo Morwaeng o gwetlhile badirelapuso ba ba direlang mo Molepolole go itlwaetsa go arogana dikitso le ditlhabololo tse di dirwang mo maphateng a bone.
“Badirelapuso ba tshwanetse go tlhaloganya dikgang tsa ditlhabololo fa ba direlang teng.”
Mopalamente o buile jaana fa a ne a lekola badirelapuso mo Molepolole ka Labotlhano.
A re nako e gorogile ya go fetola mekgwa ya ka fa dilo di ntseng di dirwa ka teng.
Mopalamente o bile a kgala mokgwa wa go lekalekanya tiro le madi, a tlhalosa fa puo eo, e le e e buiwang ke motho yo o senang boikarabelo.
Le fa go ntse jalo o kgothaditse badirelapuso go direla setshaba ka lerato le bopelontle le mororo go na le dikgwetlho di tshwana le leshekere la madi le didirisiwa.
E re ntswa a akgoletse bodiredi tiro e ntle e ba e dirang, o ba gwetlhile gape gore ba bale ditsamaiso tsotlhe tse di tsamaisang bodirelapuso gore ba kgone go direla setshaba ka natla ba tlhaloganya seabe sa bone mo setshabeng.
Go supa se a buang ka sone, o ne a tlhalosa fa a lerile bodiredi jwa lephata la metsi go tla go tlhalosetsa kokoano eo ditlhabololo tse di dirwang mo motseng tsa metsi.
Ka jalo ya re a tswa la gagwe moemedi go tswa koporaseng ya metsi, Rre Lopang Seporo a tlhalosa fa ditlhabololo tse di tlaa tsisang metsi mo Molepolole di tsweletse.
O tlhalositse fa e tlaa re ngwaga o o tlang ka Mopitlo diphaephe tse di tswang ga Mononyane di gorose metsi le fa ditlhabololo tse dingwe di tlaa wediwa mo dingwageng tse di tlang.
Dingwe tsa ditirelo tse di tlaa tlang morago ke go dira mafaratlhatlha a kgopo ya metsi a a leswe le go phatlalatsa metsi mo motseng mme mopalamente o tlhalosa fa ditirelo tseo di kgaogantswe ka dikarolwanadi le supa.
E rile fa ba mo kgwa dikgaba, Rre Thatayaone Gaonakala e le moeteledipele wa lekgotla la badirelapuso la BOPEU, a kopa puso go fefosa ditlhako mo go direng gore tsotlhe tse di amanang le go fetola ka fa dilo di ntseng di dirwa ka teng di nne teng mo maphateng otlhe a puso.
O tlhalositse gore bodiredi ka bontsi ga ba itse gore lenaneo leo le le sha la ga Tautona le tlhoka gore ba dire dilo jang, segolo bogolo ka go santse go na le tlhaelo ya didirisiwa le go tlhabolola mafaratlhatlha a maranyane a gantsi a bakang tiego ya go isa ditirelo kwa bathong.
“Re sia badirelapuso kwa morago, Reset Agenda ga e yo kwa diofising,” Rre Gaonakala a tlhalosa.
Mo ntlheng e nngwe e e amang bodiredi, o ngongoregile ka tiego ya dituelo tsa badirelapuso ya go tlhatlosiwa maemo e e amang batho ba ba mo C-band e a tlhalositseng fa maphata a le bonya go duela ba ba amilweng ke kgang eo ntswa lekgotla le legolo la ditsheko le rebotse gore batho ba duelwe melala ya dikamogelo tsa bone.
Mme Kefilwe Gontse ene o ne a ngongorega ka tlhaelo ya didiriswa le bodiredi, bogolo jang mo lephateng la phepafatso tikologo kwa khanseleng.
A re go na le tlhaelo ya dikoloi tse di olelang matlakala le didirisiwa tsa itshireletso, a supa fa seemo se, se baya matshelo a bone mo diphatseng ka bodiredi bo patelesega go palama le matlakala kwa morago mo dikoloing tsa dikgomo.
Bangwe ba ngongoregile ka letlhoko la metsi mo Molepolole, ba supa fa seemo se, se ngomola pelo e bile se ama le gone go ntsha maduo mo tirong.
Fa a akgela mo dikakgelong tsa bone, mopalamente o ne a supa fa tlhaelo ya madi e le kgwetlho mo pusong mme e bile a rotloetsa gore bangwe le bangwe ba somarele bonnyennyane jo bo leng teng go direla setshaba.
A re mo kgannyeng ya go fetola ka fa dilo di ntseng di dirwa ka teng, keletso ke gore lephata la phiro (DPSM) gammogo le makalana a babereki ba etele maphata ba rute bodiredi ka diphetogo tse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : MOLEPOLOLE
Event : Bokopano le badirelapuso
Date : 12 Sep 2022