Breaking News

Thapong serala sa poko ya Setswana

12 Sep 2022

Lefelo la botaki la Thapong le ne le fetogile serala sa poko mo maitseboeng a Matlhatso fa baboki ka go farologana ba ne ba suputsana ka poko, kwa maitisong a a neng a bidiwa Ntwa ya Puo.

Maitiso a, a ne a rulagantswe ke Edwin Moroka, yo o tumileng ka thulaganyo ya seromamowa ya Sekhutlwana sa Bannye, e e rotloetsang puo ya Setswana mo baneng. 

Pulamadibogo ya maitiso e ne e le Sua Pan, mme go ne ga simologa e kare maikutlo a kotlometse le fa gone batsamaisa tiro ba ne ba natetsha  ka metlaenyana.

Ntjanyana ya mabotobotwane Reatile Tladi a tlhabosa babogedi ka leboko la gagwe le a neng a le natetsha ka go tlaopa babogedi go se gonene a eta a ikoba segolo bogolo mo bagolong.

Tladi, yo e leng moithuti kwa sekoleng se sebotlana sa Phakalane mo Gaborone, o ne a boka ka bokgabane  a ikgantsha ka puo ya ga mmagwe,  ngwana wa mosetsanyana a nyeletsa dipuo tse di teng tsa gore bana ba dikole tsa sekgoa ga ba itse Setswana.

Balekane ba gagwe ba ba ipopileng setlhopa, Sekhutlwana sa Bannye ba ne ba fefosa mosepele wa maitiso fa ba kuisa mosi mo seraleng. Setlhopa se sa Sekhutlwana sa Bannye se na le bana ba ba kwa tlase ga dingwaga tse di lesome le borataro, e le bana ba ditalente tse di farologanyeng tsa go boka le go kgaola mogolokwane.

Bangwe ba bone ba ne ba boka ka teme e ba e amuleng jaaka Sekalaka mme bangwe ba itsatsanka ka Setswana.

Sengwe se se neng se kgatlha leitlho thata mo setlhopeng se e bile se dira gore ba tsee maitiso ka setsokotsane, ya nna mogolokwane.

Mogolokwane o tumile mo bagolong, mme e bile o dirwa ka bokgabane, mme mo setlhopheng se ga bo go le mosetsanyana a kgaola ka botswerere, le babogedi ba goeletsa ka melodi le go opa diatla.

Maitiso a, a ne a okile gape le baboki le basomarela ba puo ya Setswana go tswa Bokone Bophirima, Afrika Borwa.

Mmoki go tswa kwa Afrika Borwa, Mosimanegape Jasone yo mo seraleng a ipitsang Segopa sa Poko, a se palama.

Go ne go belaetsa gore o ka gaisa Sekhutlwana sa Bannye.

O ne a ingaangaela a supa fa a sa tlola molelwane go tla go keta.

Mosimane wa Taung kwa Bokone Bophirima o ne a ntsha ga tshwene a supa kitso ya gagwe ya Botswana mme a boka jalo merafe ka go farologana ga yone ka ditso le maboko a yone.

Mo puisanyong le Jasone morago ga go gatoga serala, Jasone o ne a supa fa maAfrika Borwa ba ithuta go le gontsi mo Batswaneng ba Botswana mme e bile a re o itumelela ka fa bana ba rotloediwang go somarela le go rata Setswana ka teng.

Jasone o supile gore puo ya Setswana e ka godisiwa ka ditsela tse dintsi jaaka mmino le yone poko.

“Tlhako ya morago e gata fa ya pele e gatileng teng, re le bagolo re tshwanetse go nna sekao mo baneng ba rona mabapi le go godisa puo ya Setsswana,”  Jasone a tlhalosa.

O ne a gatelelela ka go re kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa, a tlatsa ka go re o ikaelela gore go ya pele a rotloetse kgodiso puo ya Setswana.

Mokwadi wa puo ya Setswana go tswa Aferika Borwa, Tiisetso Thiba le ene o ne a tlhalosa fa a kgatlhilwe ke tiro ya bana segolo bogolo.

“Ke mokwadi ke morata puo e bile ke a e dibela ke a e boulela, mme ke itumeletse thata gore barotloetsi ba maitiso a ba nnile le bopelotelele go ruta bana gore ba kgone ba tshwarelele e bile ba ikgantshe ka puo ya bone,” Thiba a tlhalosa. 

Pele ga maitiso a, Thiba o ne a tlhalosa gore ba ne ba nna le thuto-puisanyo  e e neng e remeletse mo go godiseng Setswana, a tlhalosa gore maitiso a, a ba file sebaka sa gore ba anye dikitso e le maAferika Borwa, mme e bile le bone ba leke go rulaganya sengwe sa go nna jaana.

“Ga re na maitiso a go nna jaana kwa gae, mme fa re le fa jaana re tsile go tsaya malebela.

Re batla go gokagana le mafatshe a SADC   a a nang le puo ya Setswana, gore re bone gore re ka godisa Setswana jang mo SADC,” Thiba a  tlhalosa.

O ne a tlhalosa gore ba ikaelela go simolola ka go rutuntsha bana ka go dira mekgatlho ya poko le  ya dibuka, el e go rotloetsa bana go rata Setswana le go se somarela.

Thiba o ne a gape a kopa gore ba ba maleba  fa ba rutuntsha bana e bile ba ba rotloetsa, ba seka ba nna diphiri  dilalome mo go bone.

O kopile bagolo go rotloetsa bana le go ba tlhokomela gore ba babalesege, ba bo ba nne sekao  mo baneng.

A re maitiso a a tshwanang le a, a ka thusa go ntsha banana mo mebileng le go fokotsa dinotagi le go tlhoka tsebe ga banana.

Thiba a re ba solofetse go laletsa  bangwe ba bakwadi ba Botswana kwa moletlong o o tlaa nnang ka Phalane, o o bidiwang Mokaragana wa Dibuka, mme o ya go tshwarelwa kwa Taung.

Moroka, yo o itsegeng ka leina la Serurubele go tswa mo thulaganyong ya seromamowa ya Sekhutlwana sa Bannye o ne a tlhalosa gore maikaelelo a Ntwa ya Poko  ke go kgobokanya baboki go iteisana borathana go godisa puo ya Setswana le go e somarela.

A re maitiso a gape a direlwa go lemotsha Batswana gore maitiso a poko a ka natetsha letsatsi fela jaaka mmino mongwe le mongwe.

Serurubele o tlhalositse gore moletlo o o tsenwang thata ke bana ka jaana ba supile kgatlhego mme e bile a re ba o dira kgapetsakgapetsa gore bana ba tsee karolo.

A re go laletsa baboki go tswa kwa ntle ke go dira kabelano ya poko ya mafatshe a Botswana le Afrika Borwa.

Serurubele o ne a tlhalosa gore thulaganyo ya Sekhutlwana sa Bannye ke yone e tona mme e na le dikarolwana di ntshwana le Ntwa ya Puo,  le Sekhutlwana sa Bannye Cultural Festival.

O  tlhalositse gore dithulaganyo tse, di tsamelana le maitlamo a ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a go fetola tlhaloganyo. A re ba rotloetsa phetogo ya tlhaloganyo ya banana gore ba dirise poko le puo ya Setswana go ka itirela ditiro ba itshetsa le gone go e somarela.

A re bangwe ba banana ba setse ba supile botswerere jwa mogolokwane.

Ka jalo o rotloeditse banana go fetoga le gore ba inaakanye le bodiragatsi jo bo ka ba tshetsang, mme e bile bo isa Botswana golo gongwe.  BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Ketshepile More

Location : GABORONE

Event : Moletlo wa poko

Date : 12 Sep 2022