Go tlhabiwa ga leruo go santse go emisitswe
11 Sep 2022
Banni ba kgaolo ya botlhophi ya Tati Bophirima ba kopilwe go nama ba emisitse ka nakwana go tlhaba leruo.
Mopalamente wa kgaolo eo, Rre Simon Moabi o kopile jalo kwa diphutegong tsa kgotla tse a kwa metseng ya Nlapkhwane, Mapoka le Kgari bosheng.
Rre Moabi o ne a tlhalosa fa kiletso ya go tlhaba leruo e direlwa go neela puso le lephata la matlhoko a leruo sebaka sa go lwantsha le go laola kanamo ya bolwetse jwa tlhako le molomo, jo bo sa tswang go tlhagoga mo kgaolong ya bone kwa zone 6b.
O ne a kopa banni ba metse eo gore ba seka ba tlhaba leruo leo ka gope, mo medirong e tshwana manyalo le dintsho, kwa a boletseng go tlwaelesegile go tlhajwa mo go yone.
A re fa ba na le ketsaetsego nngwe mabapi le seo kgotsa go na le tse ba eletsang go di tlhaloganya tebang le metsamao ya leruo kana dirwe tsa lone, ba ikopanye le ba lephata la matlhoko a leruo.
Mopalamente o ne gape a bolelela banni ka tshwetsho e e tlaa tsewang mabapi le dikgomo tse di mo tikologong e e amegileng, a tlhalosa fa go santse go emetswe bokopano jwa khuduthamaga ya palamente mme morago ke gone go ka itseweng gore tsela pedi go tsewa efe.
Mo go tse dingwe, Rre Moabi o ne a itsise banni ba metse eo fa e ne ya re bosheng mokhanselara wa bone wa kgaolwana ya Nlapkhwane/Mapoka, Rre Farayi Bonyongo a sa tswa go tlhongwa modulasetilo wa khansele ya Bokone Botlhaba.
A re mo go lemogeng bokgoni jwa gagwe le gone go bereka ka bonatla le ditiro tsa ga Rre Bonyongo, ba ne ba mo neela boikarabelo jwa go etelela pele khansele, ka jalo a sa tlhole a lebagane le kgaolwana ya bone fela, mme kgaolo ya Bokone Botlhaba ka kakaretso.
Fa ba akgaela, banni ba ne ba ngongorega ka thulaganyo ya go kwadisa ditsha tse beng ba tsone ba sa tlholeng ba le mo botshelong, ba kaya fa tse di tlhokafalang di ba kgarakgatsha.
Mme Bakani Modise, go tswa Mapoka o ne a ngongorega ka thuso e ba e fiwang kwa kokelwaneng ya motse, a kaya fa go bulwa morago ga nako, e bile bodiredi jo bongwe bo na le boitshwaro jo bo sa amogelesegeng.
Mme Modise o ne a supa fa palo ya batho ba ba thapiwang mo lenaneong la Ipelegeng mo motseng wa Mapoka e le nnye, mme seo se dira gore batho ba tlodise dikgwedi tse dintsi ba sa theogele.
Moemedi wa banana ba Mapoka, Mme Tshepo Nothisani ene o ne a lela ka letlhoko la mebereko, a tlatsa ka gore ikopelo ya dithuso tsa mananeo a banana a ntshiwa mo nakong e khutshwane mme go bo go tswalwa ba ise ba dire, ka jaana le gone go tlhoka madi go diragatsa dithulaganyo dingwe.
Mme Nothisani o ne a kopa puso go tsaya tsia metshameko e mengwe fela jaaka e dira ka ya kgwele ya dinao le bolotloa.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Kgari, Rre Trust Fanikiso o ne a supa fa motse wa bone o sena folaga, a bo a kopa gore ba okelediwe bodiredi jwa sepodisi, baoki le gore kokelwana ya motse wa bone e atlolosiwe.
O ne a kopa gape gore go gokelelwe dipone tsa mo mekgwatlheng, a kaya fa motse wa bone o godile ka jalo o tshwanelwa ke go nna le ditirelo tseo.
Fa a akgela mabapi le ngongorego ya boitshwaro jwa bodiredi jwa kokelwana ya motse, Dr Balisi Tshuma, wa lephata la botsogo mo kgaolong eo, o ne a kopa gore fa motho a na le ngongora a sale morago ditsela tsotlhe tsa go ikuela, go na le go emela diphuthego tsa mopalamente.
Rre Bonyongo o ne a solofetsa banni fa a tsere mofago tsotlhe tse di amang khansele, mme ba tlaa busa phetolo mo nakong e khutshwane.
Rre Bonyongo o ne a supa fa mo nakong e e sa fediseng pelo, ba tla rulaganya letsatsi la go isa khansele kwa bathong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : PHUTHEGO
Date : 11 Sep 2022