Breaking News

Kgwedi ya merapelo e botlhokwa

11 Sep 2022

Mooki mogolo wa kgaolo ya Mahalapye Dr Ompatile Koobonye o tlhalositse fa lefatshe la Botswana le itemogela kgolo ya malwetse a a sa tshelanweng jaaka jwa madi a matona le jwa sukiri.

Dr Koobonye o tlhalositse se kwa tshimolodiso semmuso kgwedi ya merapelo kgathanong le bolwetse jwa HIV/AIDS, malwetse a a sa tshelwaneng ga mmogo le dikotsi tsa tsela kwa Mahalapye bosheng.

Fa a tlhalosa ka seemo sa malwetse a mo kgaolong ya gagwe, o supile fa a tshwenya, mme a re ba tsere boikarabelo jwa go tswelela ba ruta setshaba go ithokomela go itsa ditlamorago tse di bokete.

O kaile fa seemo sa HIV/AIDS se santse se tlhobaetsa mo kgaolong, a supa fa go anama ga mogare wa COVID-19 gone go santse go ritibetse. 

A re ga gona ope mo bogompienong yo o tshwerweng ka COVID-19 mme a tlhalosa fa maiteko a go kenta a tsweletse.

Dr Koobonye o ne a tsibosa fa go nale tlhagogo ya letshololo mo baneng le le setseng le simolotse go gapa matshelo, mme a rotloetsa bophepa mo di didirisiweng tsa bana le go ba isa kokelong fa seemo se simolola.

Fa a neela tekodiso ka seemo sa dikotsi tsa dikoloi mo kgaolong Assistant Superintendent Marks Masabae a re ba itemogetse fa dikotsi ka bontsi di ama batho ba ba dingwaga tse di magareng ga 18 le 45.

Rre Masabae a re ntswa le fa go le jalo, ba itemogetse fa dithuto tse ba di tshwarang le bakgweetsi di thusa go fokotsa seemo se.

O supile fa ba dikgang tsa kgokgontsho le tsone di oketsega, mme a kopa ditshegofatso le dithapelo mo setshabeng gore ba kgone go fenya diemo tse.

Mopalamente wa Mahalapye Bophirima  Rre David Tshere o gateletse botlhokwa jwa thapelo a re fa go patagantswe le ditlamelo tsa botsogo seemo se ka tokafala.

Father Kenneth Mokgothu wa kereke ya St. Patricks Roman Catholic o kaile fa kgwedi ya Lwetse e le botlhokwa ka e le yone lefatshe la Botswana le tshwarang merapelo kgatlhanong le diemo tse di aparetseng setshaba.

Father Mokgothu a re merapelo e rotloetsa setshaba go itse seemo sa bone sa botsogo le go rapelela tshireletsego kgatlhanong le bolwetse jwa COVID-19 jo a kayang fa bo ise bo nyelele mme e bile go lebega setshaba se tla tshela le jone ka lebaka. BOPA

Source : BOPA

Author : Onkarabile Moeng

Location : MAHALAPYE

Event : Tshimolodiso semmuso kgwedi ya merapelo

Date : 11 Sep 2022