Breaking News

Itsholelo ya Selebi Phikwe e a tokafala

11 Sep 2022

Tomogano magareng ga puso le SPEDU ya go ngokela bagwebi kwa toropong ya Selebi-Phikwe e tswa maduo.     Morago ga gore itsholelo ya toropo ya Selebi Phikwe e koafele ka go tswalwa ga moepo wa BCL dingwaga tse thataro tse di fetileng, toropo eo, e simolotse go itemogela kgolo ya itsholelo.

Mo maitekong a go busetsa serodumo sa toropo e, e ne ya re ka bosheng mothusa tona wa Papadi le Madirelo, Mme Beauty Manake o ne a etela dikgwebo tse di tona le tse dipotlana go utlwa ka fa di tshwereng ka teng le go utlwa dikgwetlho tsa bone le go tla ka metlhale ya go thusa dikgwebo tseo.

Nngwe ya dikgwebo tse a neng a di etela ke ya Other Options e e gwebang ka go roka diaparo, Mme Manake o ne a supa fa khamphani eo e le  nngwe ya tse di supang kgolo e bile e ntsha diaparo tsa boleng jo bo kwa godimo.

Mme Manake a re kgwebo ya Other Options ke nngwe ya tse di tshegeditseng matshelo a batho ba Selebi Phikwe, ka e tlhametse batho ba feta lekgolo ditiro,a re se ka bo sone se dira gore itsholelo le matshelo a batho ba  Selebi Phikwe di tokafale.

 O ne a supa boitumelo ka fa kgwebo eo e tsweletseng ka teng, a tlhalosa  fa puso e tshwere ka thata go tlhomamisa gore  dikgwebo tsa Batswana di dira ka se ka bo sone se ka dirang gore letlhoko la ditiro le fokotsege le matshelo a  tokafale.

A re puso e dirisitse madi a mantsi  go thusa Batswana go tlhama dikgwebo, mme le fa go ntse jalo  dingwe tsa tsone di santse di loma ka meno gore di itshetlele ka ntata ya go tlhoka mmaraka, a supa fa go le botlhokwa thata gore pele motho a akanya ka kgwebo a bo a kile a sekaseka kwa a tla bong a isa dithoto tsa gagwe teng.

Mme Manake a re dikgwebo tse dingwe di phutlhamisiwa ke go tlhoka bopelotelele le go itshokela dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mme a ba rotloetsa go ikopanya gore ba kgone go amogana maele le go bua ka lentswe le le lengwefela, a tlhalosa fa moroto wa esi o sa ele.

Fa a tswa la gagwe,  mookamedi wa kgwebo ya Other Options Mme Jenamo Madolo o ne a supa fa ba lebogela loeto lwa ga mothusa tona le bagolwane ba puso go nna ba ba tlhola ka se se ba tiisa moko.

Mme Madolo o ne a re, lefa kgwebo e solofetsa, e bile e dira sentle, ba santse ba goga ka thata ka ba ikaegile thata ka go rokela maphata mangwe a puso a tshwana le BDF le dikhamphani tse di ikemetseng paka, theko ya tsone e tla ka go rotha.

O ne a re go a makatsa go bona Batswana ba tsweletse ka go apara diaparo tse di rokiwang kwa mafatsheng a sele le ntswa go na le baroki ba ba nang le botsipa le bokgoni jwa go roka diaparo tsa boleng jo bo  kwa godimo mo lefatsheng la bone.

Mme Madolo o ne a supa fa ba a itumelela thotloetso le kemo nokeng e ba e bonang mo maphateng mangwe a puso le makalana  a a ikemetseng a tshwana le la LEA le CEDA. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Potsolotso

Date : 11 Sep 2022