Breaking News

Kgokgontsho e ama maduo a baithuti

11 Sep 2022

Mokwaledi wa toropo ya Sowa,Mme Kefentse Ngwamotsoko a re ga ba jesiwe di welang ke dikgang tsa kgokgontsho tse di amang bana.

Mme Ngwamotsoko o buile se kwa moletlong o o neng o rulagantswe ke ba sekole se sebotlana sa Sowa go ipelela phenyo ya lekwalo la bosupa.

 A re ba lephata la boipelego ba tshwere phage ka mangana ka dikgang tsa tiriso botlhatswa jwa bana ba basetsana, a re se se ngomolang pelo go feta ke gore batsadi ba bana bao ba ntse moriti o tsididi ka dikgang tseo.

A re seo ke sengwe sa dilo tse di dirang gore baithuti ba palelwe ke go dira sentle kwa dikoleng.

O ne a kgala barutabana bangwe ba ba nang le mokgwa wa go kgoba baithuti ka go ba bitsa ka maina a e seng one a tshotlo,a re ga gona ngwana ope yo go ka tweng o a palelwa ka ngwana o tshwanetse go thusiwa go re a kgone go nna le seabe le go ka itshupa bokgoni jwa gagwe.

Mothusa mogokgo wa sekole sa Sowa, Rre Andrew Mokgosi o boletse fa sekole seo se tswa kgakala se dira botoka mo maduong a ditlhatlhobo a lokwalo lwa bosupa fa e sale ka 2015.

  A re ngogola sekole seo se dikile se dirile sentle thata ka se tsere maemo a ntlha mo kgaolong ya Tutume fa se le mo maemong a boraro mo lefatsheng.

 Fa  Mokhanselara yo o itlhophetsweng wa kgaolo ya Nata/Gweta, Mme Kebonyetsala Letsamao-Lindemann a re tshwaragano le tirisanyo mmogo ya batsadi le barutabana e ka tlisa maduo a mantle a baithuti.

O ne a lebogela tirisanyo mmogo e ntle e batsadi ba e supileng, a re  sekole  se kgonne go bona maduo  a a nametsang ka ntata ya  tomagano eo.

Mokhanselara o tlhalositse, fa thuto ele selo sa botlhokwa mo matshelong a batho le mo go tlhabololeng itsholelo ya lefatshe.

O ne a ba gakolola go etela sekole nako le nako go kopanela mathata a bana le barutabana,e bile a kopa baithuti go tsaya dithuto tsa bone ka tlhwaafalo gore ba kgone go tsweledisa mosepele wa bone wa thuto.

A re thuto ke boswa e bile e ka ba thusa go tshela sentle fa ba ka fenya dithuto tsa bone ka maduo a a nametsang.

Mogolwane mo ofising ya thuto kwa Tutume,Rre Shadreck Moffat a re maduo a ditlhatlhobo mo dikoleng tse di mo kgaolong potlana ya Tutume a wetse tlase thata mo dingwageng tse tlharo tse di fetileng.

Rre Moffat a re le fa go ntse jalo,sekole sa Sowa ke dingwe tsa dikole tse di santseng di tsweletse ka go dira sentle thata.

O ile a gwetlha botsamaisi le barutabana ba sekole seo go abelana maele kana botsipa jwa bone le dikole tse di mabapi go re le tsone di kgone go dira jaaka sone,a gatelela ka gore matlo go sha mabapi.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : SOWA

Event : Moletlo

Date : 11 Sep 2022