'A kgaolo ya botlhophi e seka ya fetolwa'
11 Sep 2022
Banni ba motse wa Dibete ba kopile gore ba seka ba ntshiwa mo kgaolo ya bone ya botlhophi ya Shoshong.
Se se builwe ke Mme Pearl Ogopotse mo boemong jwa banni ba Dibete mo phuthegong e e neng e buisiwa ke lekoko la therisano ya go kgaoganya dikgaolo tsa botlhophi jwa bopalamente kwa Dibete bosheng.
Mme Ogopotse o supile fa banni ba Dibete ba sa batle leina le fetolwa ka gore ba bona le siame.
A re le fa Dibete e tsaya ditlamelo ka bontsi kwa Mahalapye go na le Shoshong, banni ba dumela gore ba ka tswelela ba le mo kgaolong ya Shoshong, ka gore ba supa fa ba kile ba nna mo kgaolong ya Mahalapye botlhaba, mme ga seka ga nna le ditlhabololo dipe mo motseng wa bone.
Mme Ogopotse o supile fa go na le pharologanyo e ntsi mo motseng, fa ba sa le ba tsenngwa mo kgaolong ya Shoshong.
O boletse fa go na le ditlhabololo jaaka kokelo e kgolwane, di ofisi tsa mapodise, boipelego le tsa Kgotla.
O tlhalositse fa go na le tsholofelo e ntsi, fa ba lebile tlhabololo ya motse wa Dibete ka fa tlase ga kgaolo ya Shoshong, e bile ga ba batle go ikotlhaela go fuduga mo kgaolong ya bone.
Mme Ogopotse o supile fa banni ba lemogile gore dikgaolo tse dingwe tsa botlhophi jaaka Mahalapye Botlhaba, tse di bapileng le Dibete di na le metse e e santseng e saletse kwa morago ka ditlhabololo, ka jalo se se ka ba kgoreletsa go bona ditlhabololo ka bofefo.
O tlhalositse fa palo ya banni ba Dibete e santse e le kwa tlase, ka jalo e tshwanetse ya tswelela e le ka fa tlase ga kgaolo ya Shoshong gore ba thusege.
Fa a tswa la gagwe, moemedi wa Mokgenene e bile e le mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Lazarus Mokgware, o supile fa ba dumelana le mogopolo wa gore ba seka ba fudusiwa, mme a kopa gore kgaolo ya botlhophi e kgaoganngwe gabedi, e nne Shoshong botlhaba le Bophirima, lebaka e le gore metse e mentsi mo kgaolong eo.
Rre Mokgware o boletse fa letlhoko la metsi le sa tshwane, e bile le ketefaletsa le mopalamente go lekola kgaolo.
O tlhalositse fa metse e katologane, e bile e le kgakala le ditlamelo. O ne a kopa gore metse ya Moralane, Ikongwe, Kodibeleng, Otse, Mokgenene, Poloka, Dibete le dipolasi tsa Sandveld di tsenngwe mo Shoshong botlhaba fa metse ya Shoshong, Kalamare, Bonwapitse, Mmutlane, Mosolotshane le Tobela e ka tsena mo kgaolong ya Shoshong botlhaba gore ba kgone go thusiwa sentle.
Moemedi wa motse wa Poloka, Mme Osego Gaanakala o supa fa ba amogela gore ba seka ba fetolelwa kgaolo, e bile a supa fa a amogela mogopolo wa gore kgaolo ya Shoshong e kgaoganngwe gabedi ka gore e bophara, mo go dirang gore ba seka ba bona mopalamente sentle.
O tlhalositse fa ba tsaya ditlamelo tsa bone ka bontsi kwa Mahalapye le ntswa ba le mo kgaolong ya Shoshong, ka gore ditlamelo ga di ba lekane sentle.
Fa ba akgela, banni ba Dibete ba ne ba supa fa go fudusiwa mo dikgaolong tsa botlhophi go ba kokonela, ka gore ga ba bone ditlhabololo sentle, ba re le fa go dirwa ditogamaano tsa ditlhabololo ga ba tsenngwe sentle ka lebaka la go hudusiwa ga ntsi.
Ba ne ba supa fa ba tsaya ditlamelo kwa Mahalapye, mme ba kopa gore ba seka ba busediwa kwa Mahalapye botlhaba.
Ba tlhalositse fa keletso ya bone e le go bona motse wa bone o godile, ka jalo ba kopa gore ba tlogelwe mo kgaolong ya Shoshong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaone Fati
Location : DIBETE
Event : PHUTHEGO
Date : 11 Sep 2022