Breaking News

Bana ba le 86 ba imile kwa Kgalagadi borwa

08 Sep 2022

Molomaganya ditiro tsa HIV/AIDS kwa  Kgalagadi Borwa, Mme Cathrine Molomo a re ba tshwenngwa ke boimana jwa bana jo bo ileng magoletsa. Mme Molomo a re bangwe ba bana bao ba fitlhelwa ka mogare wa HIV.

Are se gape se kgoreletsa dithuto tsa bone.

O buile se mo phuthegong ya kgotla go simolodisa kgwedi ya thapelo kgatlhanong le HIV/AIDS, segajaja sa COVID-19, malwetse a a sa tshelanweng le dikotsi tsa tsela kwa Maleshe bosheng.

Are go simologa Hirikgong mono ngwaga, go setse go imile bana ba le masome a ferabobedi le borataro. O ne a kopa batsadi go gagamatsa kgalemo mo malwapeng, are go itshupa gore batsadi bangwe ga ba tseye boikarabelo ka ba tsiediwa ka di polaseteke tsa dijo ke borre ba ditiro tseo.

Mme Molomo  o kopile bomme go tshwara thipa ka fa bogaleng, ka go bua gore bana ba bone ba imisitswe ke bomang, gore molao o tsee dikgato.

Are kanamo ya mogare wa HIV ke 12.16 per cent, mme go na le batho ba le 3 646 ba ba tsayang diritibatsi mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa. A tlatsa ka gore 12 per cent ke palo e e kwa  godimo fela thata. O ne a gakolola batho go iphapha mo bolwetseng jwa AIDS le a mangwe a tlhakanelo dikobo.

A re ba tshwenngwa ke gore fa motho a fitlhelwa ka mogare wa HIV a bo a kopiwa go rotloetsa ba a dirisanyang le ene go itlhatlhoba, o tsenya a le mongwefela yo a tshelang le ene ntswa a na le bakapelo ba ba ntsi.

Mme Molomo a re ba tshwenngwa gape ke dipalo tse di kwa tlase tsa batho ba ba itlhatlhobang. O tlhalositse fa go itlhatlhobela mogare go ka dira gore motho a tseye ditshwetso tse di maleba ka botshelo jwa gagwe. Are puso e tsweletse ka go dira mananeo le go tlamela batho go itsa kanamo ya mogare.

Mookamela mapodisi a Tsabong, Superintendent Christopher Tlhapi-David a re ba tshwenngwa ke dikgang tsa kgokgontsho ya bong mo malwapeng le go itseela dikobo mo baneng ba dingwaga tse di kwa tlase.

A re go setse go begilwe dikgetsi tsa boimana ba di le masome a matlhano le bongwe, seo ele koketsego fa di tshwantshanngwa le tsa 2021, tse di masome a mararo le bosupa. A re boimana jo bo senyetsa bana bokamoso, ka ebile bangwe ba fitlhelwa ka mogare. Ka jalo, Supt Tlhapi-David o ne a kopa gore go thulannngwe ditlhogo go lwantsa bothata jo.

A re dipalo tse di gorogileng kwa go ba sepodisi di kwa tlase ga tse di begilweng, ka jalo a rotloetsa batsadi go isa ba ba dirileng melato go tseelwa dikgato tse di maleba.

Fa a tswa la gagwe, mothusa modulasetilo wa lekgotla la baruti, Moruti Reuben Mosimenyane o ne a re kgwedi ya merapelo e tsile morago ga gore lefatshe le welwe ke seru sa segajaja sa HIV/AIDS, mme ya re ka 1996 ga laletswa dikereke tsotlhe go kopana go rapela kgatlhanong le HIV.

Mogolwane go tswa kokelong ya Tsabong, Mme Veronica Lesele a re borre ba maoto a tshupa go itlhatlhobela mogare le malwetse a a sa tshelanweng. O rotloeditse bomme go ema borre nokeng le go ba rotloetsa go tsaya dipilisi ka nako.

A re go tshwanetse ga rena kagiso le thitibalo mo malwapeng mme bomme ba emise go tshwenya borre ka mafoko nako le nako ka seo se ba utswela kagiso.

Kgosi Gabriel Ntau wa Maleshe o ne a lebogela gore tshimolodiso ya kgwedi ya thapelo e bo e ne e tshwaretswe mo motseng wa gagwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : MALESHE

Event : Phuthego

Date : 08 Sep 2022