Banni ba itumelela phatlalatso ya metsi
08 Sep 2022
Banni ba metse ya Serule, Moreomabele, Gojwane le Topisi ba itumeletse gore ba tlaa simolola go nwa metsi a a siameng morago ga go gokelelwa ga diphaephe le kago ya madibela a metsi go tswa kwa letamong la Letsibogo.
Go boletswe fa tiro eo e tlaa wela ngwaga o o tlang ka kgwedi ya Hirikgong a le lesome le bone ebile metsi a tlaa nna teng sebaka sa dingwaga tse di masome mabedi a ntse a nowa.
Banni ba ne ba itumetse ba tlhalosa fa ba sa bolo go letela kgokelo ya metsi go tswa kwa letamong la Letsibogo.
Banni ba ne gape ba tlhalosa fa ba ntse ba nwa metsi mo di dibeng mme metsi a teng a le letswai ebile a ba senyetsa dilwana.
Ba ne ba lebogela kgokelo ya metsi ba tlhalosa fa a ne kgala mo metseng ya bone kgapetsa kgapetsa mme jaanong ba na le tsholofelo e ntsi fa ba bona mafatlhatlha a madibela a agiwa le kgokelo ya diphaephe.
Ba boletse fa diphaephe tse di leng teng gompieno di le dikgologolo di batla go ntshiwa go tsenngwa tse disha ka gore di a thubega gangwe le gape. Kgosi Onnetse Lebese wa Moreomabele o boletse fa ba sa bolo go letela metsi a ba sale ba a solofediwa ka 2012, mme jaanong ba tlaa kgona go tsweledisa ditlhabololo tsa metse ntle le tiego.
Kgosi Lebese o boletse fa metsi a a letswai a ba okeletsa makoa. A re metsi a tlang a tshwanetse go anamisiwa le dikgotlana ka metse e setse e godile.
Mo go la gagwe, Kgosi Kgomotso Boiditswe wa motse wa Topisi o lebogetse kgokelo ya metsi a bolela fa se e le maiteko a mantle a puso.
O ne a kopa banni ba metse eo go duela metsi gore puso e kgone go duela sekoloto sa madi a a neng a kopiwa kwa World Bank.
“Tsholofelo ga e tlhabise ditlhong, metsi a re sa bolong go a emela a gorogile. A go seka ga nosiwa leruo mo go o ne le fa e le go thuba diphaephe go nosa leruo ka maikaelelo,” a kopa morafe.
Le fa go ntse, mookamela tiro ya go gokela diphaephe tseo, Rre Tapologo Phalagae o boletse fa ba simolotse tiro eo ngogola ka kgwedi ya Phukwi e le lesome le bone mme ba solofetse go fetsa ngwaga oo tlang ka kgwedi ya Hirikgong.
Rre Phalagae o boletse fa ba ne ba diiwa ke go tlhagoga ga bolwetse ja COVID-19 ka metsamao e ne ya ema go sa berekiwe ebile tse di tlhokafalang mo kagong di ne di sa bonale bonolo.
O boletse fa gompieno tiro e tsamaya mo go 60 per cent mme e kabo e tsamaya mo go 82 per cent.
O kaile fa ba ikaeletse go dira ka gotlhe go digela mo nakong e e beilweng.
O boletse fa ba aga madibela a metsi mo metseng yotlhe mme ledibela le le letona le tlaa bo le le kwa Serule kwa go tlaa bong go na le diofisi tsa boranyane tsa ditlhaelatsano teng.
A re mo tirong ya bone go tswa kwa Selebi-Phikwe, ba thapile beng gae ba le makgolo a mane. O boletse fa ba dirasanya sentle le banni ba metse e ba berakang mo go yone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SERULE
Event : Phuthego
Date : 08 Sep 2022