Breaking News

Banana ba tlhoka kemo nokeng

08 Sep 2022

Batsadi ba kopilwe go ema banana nokeng mo maitekong a bone a go inaakanya le dikgwebo ka go farologana ka seo se ka ba thusa go fitlhelela dikeletso tsa bone.

Ba kopilwe go thusa ka tsotlhe tse ba ka di kgonang gore banana ba kgone go tsamaisa dikgwebo bogolo jang mo mhameng wa temo-thuo, selo se se ka godisang mhama o.

Mothusa tona wa lephata la Banana, Bong, Metshameko le Ngwao, rre Buti Billy o buile se mo phuthegong ya kgotla kwa Butale kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba kgwedi eno e le supa.

Rre Billy are kemo nokeng e botlhokwa thata ka temo-thuo e le nngwe ya dikgwebo tse di nang le maduo a a gaufi le metswedi e mentsi ya khumo.

Are temo-thuo e ka thusa lefatshe leno go emisa go ikaega ka dithoto tse di tswang kwa mafatsheng a sele.

Rre Billy a re fa monana a na le keletso ya go inaakanya le kgwebo ya mhama oo, mme a sena lefatshe o ka itshwaraganya le mogolo yo o nang le lefatshe, mme ba tshwaraganela loeto leo la go tsamaisa kgwebo.    

Mothusa tona a re tshwaragano ya monana le mogolo mo kgwebong ya temo-thuo, e botlhokwa fela thata ka jaana mongwe le mongwe wa bone a tla ka kitso.

Mopalamente Billy a re monana o ka tla ka kitso ya tiriso ya maranyane fa mogolo ene a ka tla ka ya gagwe e e tseneletseng ya temo le thuo, tomagano eo e bo e thusa gore kgwebo e ntshe maduo a a nametsang.

A re ba tshwenyegile thata ka dikgwebo tsa banana tse di dirang ga nakwana, a re keletso ya bone ke go di bona di itshetletse, ka seo se ka thusa go godisa itsholelo ya lefatshe leno.

Go sale foo, Rre Billy o kopile batsadi go hirisetsa banana ba ba nang le keletso ya go tlhoma dikgwebo tsa temo-thuo mme ba ise ba abelwe lefatshe, bontlha bongwe jo ba sa bo diriseng jwa masimo a bone.

Le fa gontse jalo, Rre Billy o boletse fa banana ba ba supang ba ikemiseditse go tsena mo kgwebong e bile ba ntsha mabaka a a utlwalang mabapi le kgwebo eo, ba fiwa maemo a ntlha mo kabong ya ditsha.

A re go tserwe tshwetso ya gore fa go na le dithendara dingwe mo kgaolong go lejwe pele banana le bomme ba ba mo dikgwebong tse di itebagantseng le se se tlhokiwang ke thendara eo. 

Mothusa tona o ne a gakolola banana go dirisa maranyane go godisa le go dira ditshekatsheko ka dikgwebo tsa bone, go na le go a dirisa mo botlhokatsebeng.

A re ba tshwanetse ba itse fa metlhale ya khumo e le mentsi mme e tlhoka dikakanyo le boikarabelo jwa bone jwa go inaakanya le mananeoa a ba lebaganyeng.

Modiri wa lephata Banana, Bong, Metshameko le Ngwao, Mme Onthatile Takaruona a re lentswa dipampiri tsa ikopelo dithuso di tsentswe mo maranyaneng fela, seo ga se kgapele kwa ntle ba ba senang maranyane, a re le bone ba ka tlatsa dipampiri mme ba di isa kwa ofising ya bone.

O ne a araba ngongora e e neng ya ntshiwa ke bangwe ya gore go dira dikopo ka maranyane go baya ba ba senang one ka fa mosing.

Monana mongwe, Mme Kudzani Zenzo ene o ne a batla go itse gore fa motho a thusitswe ke ba boipelego ka lenaneo la nyeletso lehuma, o ka kgona go kopa thuso gape kwa lephateng la Banana go godisa kgwebo ya gagwe.

O ne tlhalosediiwa fa seo se letlelesega.

Mokhanselara wa Senyawe, Rre William Tatose a re go botlhokwa gore banana ba inaakanye le dikgwebo tse ba di eletsang, a re go ka ba thusa gore ba seka ba latlhegelwa ke kgatlhego mo go tsone, le go itsa go di phuaganya.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : BUTALE

Event : Phuthego

Date : 08 Sep 2022