Breaking News

Ba batla shoshong a kgaoganngwa

07 Sep 2022

Banni ba kgaolo ya Shoshong ba re ba batla kgaolo ya bone e kgaoganngwa gabedi se ele go tlhofofaletsa mapalamente tiro le go isa ditlamelo bonolo kwa setshabeng.

Ba buile se mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe ke lekoko le le tlhomilweng go seka seka dikgaolo tsa botlhophi kwa Shoshong ka Labobedi. Kgaolo e e nale metse e le lesome le bone mme keletso ya banni ke gore e kgaogane gabedi e le Shoshong bokone le Shoshong borwa.

E rile fa a rola megopolo ya banni ba Shoshong, Rre Tsogang Ramotsepane a re ba batla Shoshong a nna le mapalamente a le mabedi. Rre Ramotsepane o buile fa mabaka a bone e le gore, kgaolo e bophara ka jalo go tsaya mopalamente nako e telele gore a e dikologe yotlhe.

A re molelwane wa kgaolo o tshwanetswe wa bowa ka dikgorong tsa Dibete,Thabala, Otse ga mmogo le ya Makoro.

Rre Ramotsepane o kaile fa e le bana ba motho botlhe mo kgaolong, ba bua puo e le nngwe, ngwao e le nngwe ka jalo. O tlhalositse fa tsa ditlhaeletsano ba siame ka ba kgona go buisana le go tsamaya fa gare ga kgaolo go le motlhofo.

Rre Kgolagano Kegorilwe, a emetse Mosolotshane, a re bone ba bona fa bophara jwa kgaolo ya bone bo kgoreletsa gore e tsamaege mme motse wa Dibete o ntshiwe mo go bone o isiwe Mahalapye.

Ba motse wa Moralane le bone ba re keletso ya bone ke gore mapalamente a kgaolo a nne mabedi. Mafoko a a rotswe ke moemedi wa bone, Rre Nelson Lebitso, a bolela fa ditsela tsa kgaolo di sa siama ka di sa kgone go gokaganya mopalamente le morafe mme fa ba le babedi ba ka e thusana. Mogopolo o o ne wa atliwa wa bo wa gatelelwa ke banni ba Ikongwe, Kodibeleng le Tobela, botlhe ba supa mabaka a a builweng ke ba bangwe a bophara jwa kgaolo.

Ba Otse ba ne ba farologana le ba bangwe, bone ba supa fa dipalo di sa letle gore ba ka kgaoganngwa. Ba re a mopalamente a nne mongwe BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Onkarabile Moeng

Location : SHOSHONG

Event : Phuthego

Date : 07 Sep 2022