Breaking News

Letlhoko la terata le kgoreletsa maiteko

07 Sep 2022

Banni ba Tati Bophirima  ba tshwentswe ke go kgaoga le go wa ga diterata tse di kgaoganyang di zone tsa matlhoko a leruo, selo se ba tlhalositseng  se tlaa  holodisa maiteko a go tlhabantsha bolwetse jwa tlhako le molomo.

Bolwetse jo bo begilwe fa bo tlhagogile kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba kwa Zone 6b, mme bo ka felela bo ama afelo a mangwe ka go tlhoka terata e e laolang leruo. Ba buile se ba akgela mo diphuthegong tsa kgotla di tshwerwe ke mopalamente wa kgaolo ya Tati Bophirima, Rre Simon Moabi ka Mosupologo, kwa metseng ya Masunga le Letsholathebe.

Ba re go kgautlhana ga diterata tseo go ka letlelela leruo le diphologolo go tlola gongwe le gongwe.

Mothusa Kgosi ya Masunga, Kgosi Thabo Monaga o ne a kopa batho go ilela bolwetse jo, a re go salwe morago melawana yotlhe e e tlhokafalang, go leka go laola kanamo ya jone, a re bangwe fa go ntse jaana ba tlelwa ke dikakanyo tsa go todisetsa dikgomo tsa bone kwa mafelong a mangwe ka bokhukhuntshwane go leka go di falotsa.

Kgosi Monaga o ne a kgalema kgatlhanong le seo mmogo le go tlodisetsa dingwe tse di sa letelelweng kwa mafelong a mangwe, a re ba neele puso sebaka sa go tlhabantsha bolwetse jo.

Banni ba metse eo ba ne ba supa boitumelo jwa go bo tema ya go dirwa ga tsela ya Tshesebe-Masunga-Letsholathebe e bonala, ba bo gape ba lebogela ditlhabololo dingwe mo metseng ya bone.

Le fa gontse jalo, ba ne ba itela mo mopalamenteng wa bone mabapi le ditlhabololo tse ba di eletsang mo metseng ya bone le dingwe tse ba supileng di sa ba jese di welang.

Ba ngongoregile thata ka dituelo tsa metsi tse di kwa godimo le go dutla ga metsi, mo ba boletseng go tletse gongwe le gongwe mme ba WUC ba sa iphe matsapa a go e tsibogela lentswa ba begelwa ka yone gangwe le gape.

Rre Bonyo Maniki wa Letsholathebe a re bogolo go dirwe thulaganyo ya gore batho ba ithekele metsi ka dikarata jaaka go diragala kwa motseng wa Tati Siding.

O ne a supa fa melawana e e bewang ke ba European Union (EU) mabapi le theko ya nama ya mono e kokonela barui, a re puso ya lefatshe leno le yone e tshwanetse e nne le melawana e  e bayang pele EU.

Mo go tse dingwe Rre Maniki a re barui ba tshwanetse ba ipeela ditlhwatlhwa fa ba rekisetsa puso leruo, go na le gore puso e bo e ba beela ditlhwatlhwa tse e rekang ka tsone.  

Mo tekodisong ya gagwe, mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Letsholathebe, Rre Dumisani Mokgethi o ne a kopa gore go agiwe marogo mo ditseleng tsa Letsholathebe/Sechele le Letsholathebe/Fracistown gore ba kgone go di dirisa le mo pakeng ya dipula.

Rre Mokgethi o tsweletse a supa fa nako e gorogile ya gore dikomiti tsa VDC di duelwe go na le go neelwa dikatso, a re di dira namane e tona ya tiro. 

E ne e rile go le pele, Mopalamente Moabi a itsise banni ka melao mengwe e e fetisitsweng kwa palamenteng, a kaya fa go fetisitswe e ka tshwara lesome le borobabobedi.

A re molao mongwe o o fetisitsweng ke wa go tlhongwa ga di toll-gate mo ditseleng tsa lefatsheng leno, e le ka maikaelelo a go kokoanya madi a a ka nnang le seabe mo go tlhabololeng le go baakanya ditsela.

Rre Moabi a re palamente e fetisitse gape molao wa go oketsa dikgaolo tsa bopalamente go tswa mo masome a matlhano le bosupa go nna masome a marataro le motso.

A re gape e dumalana go fokotsa VAT ga nakwana ka 2 per cent le gore dithoto dingwe tse di tswang kwa ntle di tsena mono di tshwana mahura a a apayang, gase le leokwane di seka tsa kgethisiwa kwa melelwaneng. Mopalamente Moabi a ne a tshepisa banni fa a tlaa lebisa ba ba lebaneng ka matshwenyego a bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ka Masego Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : Phuthego

Date : 07 Sep 2022