Breaking News

Tsibogelang letshololo mo baneng

07 Sep 2022

  Batsadi ba bana ba dingwaga tse di kwa tlase ga botlhano ba gwetlhilwe go tsibogela bolwetse jwa letshololo ka go isa bana kwa kokelong ka seo se ka thusa go somarela botshelo jwa ngwana.

Batsadi ba gakolotswe gore ba seka ba itlhokomolosa go isa ngwana kwa kokelong le fa ba na le motswako wa letshololo, , gore ba bongaka ba kgone go netefatsa fa ngwana a sa latlhegelwa ke metsi mo mmeleng.

Se se builwe ke Dr Balisi Tshuma go tswa mo lephateng la Botsogo mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, mo diphutheng tsa kgotla tse di neng di tshwerwe ke Mopalamente wa kgaolo ya Tati Bophirima, Rre Simon Moabi kwa metseng ya Masunga le Letsholathebe, kgwedi eno e thola ga tlhano.

Dr Tshuma o gwetlhile batsadi go tlhomamisa gore fa ba bona bana bogolo jang ba dingwaga tse di ka fa tlase ga botlhano ba tsholola, ba ba ragosetse kwa bookelong ntle le tiego epe, a re le fa ba ka tswa ba na le motswako wa letshololo ba o siele ngwana mme ba mo ise kokelong.

A re batho ba tshwanetse ba itse fa go tsholola ga ngwana go baka gore a latlhegelwe ke metsi mo mmeleng, mme seo se dire gore a felelwe ke nonofo, selo se a boletseng se ka felela se baka gore ngwana a latlhegelwe ke botshelo.

Dr Tshuma o tsweletse a supa fa mo dibekeng tse pedi tse di fetileng go ne ga nna le bana ba le masome a mararo le botlhano ba ba neng ba tsenwe ke letshololo, a re ke sesupo sa gore bolwetse jo bo a kekela mo kgaolong.

O gwetlhile batsadi go netefatsa gore ba thapa diatla ka dinako tsotlhe fa ba tshwara dijo kgotsa dijana tsa bana.

Modiri wa Water Utilities Corporation (WUC) kwa Masunga, Mme Yvonne Mothupi o ne a tlhalosetsa banni gore mealo ya phatlalatso ya metsi e sale e dirilwe bogologolo, ka jalo e sa tlhole e kgona go lepalepana le bokete jwa phatlalatso ya metsi, selo se a rileng se baka go dutla ga metsi mo gontsi.

Le fa go ntse jalo, o ne a kopa setshaba go tswelela se ba begela ka metsi a a dutlang, a re ba tlaa nna ba leka bojotlhe go tsibogela dipego.

Mabapi le mogopolo wa gore go dirwe thulaganyo ya gore batho ba ithekele metsi, o ne a supa fa mogopolo oo o santse o le mo tafoleng.

O ne a gakolola setshaba go nna ba ela tlhoko gore ga gona fa go dutlang teng mo go tsotlhe tse di dirisang metsi mo malwapeng a bone, a re go le gantsi go dutla mo ke gone go bakang gore dituelo tsa bone di nne kwa godimo.

Mme Mothupi o ne a tshwaela jalo morago ga gore banni ba Masunga le Letsholathebe ba supe bodiredi jwa WUC ka monwana, ba re ba maoto a tshupa go tsibogela dipego tsa go dutla ga metsi le go ikuela ka dituelo tse di kwa godimo tsa metsi.

Bangwe ba ne ba kopa gore go dirwe thulaganyo ya go reka metsi ka di karata (coupon).

Fa a akgela mabapi le lenaneo la temo la ISPAAD, Mopalamente Moabi o ne a supa fa ditshekatsheko di santse di tsweletse mabapi le lenaneo leo, go bona gore le ka diragadiwa jang, a re mme o na le tsholofelo ya gore e tlaare paka ya temo e simolola ditshekatsheko di bo di setse di weditswe.

O ne a bo a gwetlha banni go netefatsa gore ba tlhokomela leruo la bone ka nako ya temo go itsa go baka tshenyo mo masimong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MASUNGA -

Event : Diphuthego

Date : 07 Sep 2022