Breaking News

Letlhoko la boroko le a tshwenya

07 Sep 2022

Boeteledipele jwa motse wa Bodibeng mo Ngamiland bo tshwentswe ke letlhoko la boroko jwa bodiredi.

Ba buile se mo phuthegong ya boetedipele jwa motse e nneng e biditswe ke mopalamente wa kgaolo ya Ngami, Rre Carterpillar Hikuama bosheng.

Kgosi Kazuu Mbakareratjike o tlhalositse fa seemo se le maswe  mo barutabana kwa sekolong se se botlana ba patelesegang go tlhakanela ntlo e ele nngwe le baoki.

Go tlhoka boroko go ya ka Kgosi Mbakareratjike ke lengwe la mabaka a a dirang gore puso e seka ya tsisa bodiredi kwa Bodibeng.

A re bonno ke karolo e botlhokwa gore modirelapusong a ntshe maduo a itumedisang mo tirong. Kgosi Mbakareratjike o ne a kopa mopalamente gore a golaganye le dikomponi tse di ikemetseng le babeeletsi gore ba tle go beeletsa mo Bodibeng ka go tsisa ditlhabololo.

Mo go tse dingwe kgosi o ne a tlhalosa fa seemo sa borukutlhi mo motseng oo se bifela pele ka jalo se tlhoka go potlakelwa.

A re boitshwaro bo tshwana le go keteka bodiredi jwa puso jo bo direlang ko Bodibeng ke matlhabisa-ditlhong ebile ke lengwe la mabaka a a ka paledisang go nna teng ga badirelapuso mo motseng oo.

Mopalamente Hikuama o ne a solofetsa boeteledipele jwa motse gore e o tla lebisa dikgang tsa letlhoko la boroko jwa badirelapuso kwa go ba lephata le le lebaneng.

O supile fa go le botlhokwa gore boeteledipele jwa motse bo nne bo kopana go ithuna dinta le go tswa ka maano a a ka thusang go godisa motse wa Bodibeng.

O tsweletse ka go supa fa maduo a dikolo tsa Ngami a tshwenya thata ka jalo a supa fa e tlaare kgwedi ya Lwetse e le lesome le boraro go tshwarwe thuto-puisano magareng ga bo mogokgo ba dikole, boeteledipele jwa kgaolo ya Bokone Bophirima go tsibogela  seemo se.

“Thuto e tshwanetse ya tshwaraganelwa ke batsaa karolo botlhe go tswa kwa botsading, barutabanaa, baeteledipele le lephata la thuto,”o ne a tlhalosa jaana.

Rre Hikuama o ne a kopa botlhe ba ba mo dikomiting tsa motse gore ba bereke ka natla gore maduo a goroge kwa Batswaneng a gatelela gore dikomiti tsa motse ga di a direlwa gore batho ba ipereke le go thusa ditsala tsa bone fela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Ikgopoleng

Location : BODIBENG

Event : Phuthego

Date : 07 Sep 2022