Breaking News

Monna o tlhokafaletse kwa maitisong

07 Sep 2022

Mapodisi a Werda mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa a tlhotlhomisa tiragalo e go fitlhetsweng monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le bosupa a rapaletse mo boidiiding jwa madi kwa ntle ga marekisetso a dino kwa Kokotsha.

Mo potsolosong le BOPA, mookamela mapodisi a Werda, Superintendent Mompoloki Ramatsia o ne a tlhalosa fa ba ne ba longwa tsebe ke mongwe, kgwedi eno e tlhola letsatsi, nako e le magareng ga bongwe le bobedi maphakela, mme ba ragogela kwa motseng oo.

Supt Ramatsia o tlhalositse  fa mapodisi a ne a ragosetsa monna yoo kwa kokelwaneng ya Kokotsha, mme ba mo romela kwa Werda kwa a fetileng a fetisediwa kwa sepateleng sa Tsabong, mme ba bongaka ba tlhomamisa fa a setse a tlhokafetse.

Mookamela mapodisi a Werda o boletse fa mo nakong ya gompieno serepa se rometswe kwa kokelong ya Princess Marina go ya go tlhatlhojwa ke ba bongaka.

Supt Ramatsia o ne a supa fa mapodise ba tshegeditse banna ba le batlhano, ba dingwaga tse di magareng ga masome a mabedi le boherabobedi go ya kwa go tse di masome a matlhano le bobedi, ba ba tlholegang kwa Kokotsha mabapi le tiragalo eo ka ba ne ba na le moswi mo maitisong.

Are go lemosegile fa moswi yo o  tlholeganag kwa Kokotsha a ne a na le dikgobalo tse di masisi mo tlhogong.

Supt Ramatsia o boletse fa mo nakong eno ba masika ba setse ba itsisitswe, fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi tsone di santse di tsweletse mabapi le se se ka tswang se bakile tiragalo eo.

O ne a gakolola beng ba marekisetso a dino gammogo le barekisi go obamela dinako tsa go bula le go tswala, ka jaana ba ne ba tlodile molao wa go tswala ka nako ya lesome le bobedi.

Supt Ramatsia a re seo se rotloetsa go itontela dino ga bareki, mo go diphatsa thata mo botsogong le matshelo a bone.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : KOKOTSHA

Event : Potsolotso

Date : 07 Sep 2022