Motsoko wa dinko o borai
07 Sep 2022
Ntswa go na le tumelo ya gore motsoko wa dinko o thusa mo makoeng a tshwana le go tswa mokola, kana fa motho a tshwenngwa ke go opiwa ke tlhogo, baitseanape ba tlhalosa fa bontsi jwa badirisi ba ise ba lemoge borai kana jwa go dirisa motsoko oo.
Motsoko o, o o dirisiwang ke bana le bagolo, go supafetse fa o le diphatsa fela thata mo matshelong, ka o na le motswako o o dirang gore motho a ikaege ka one (addiction). Motsoko o gantsi o a sunediwa kana o tsenngwa mo magalapeng le ka fa tlase ga leleme.
Fa a lekodisa setshaba ka borai jwa tiriso ya diritibatsi mo Gaborone ka Mosupologo Mme Buyisile Mbulawa wa sepatela sa Princess Marina are motsoko wa dinko o borai fela jaaka diritibatsi tse dingwe tse di tsweletseng ka go gola mo lefatsheng leno.
A re batho ba na le go o dirisa ba tsaya gore ke tshwanelo, ka ba akanya fa o alafa makoa mangwe. Are motsoko wa dinko o borai ka e le tagi.
Mme Mbulawa o boletse fa go na le tumelo e tseneletseng ya gore motsoko o alafa tlhogo, emisa mokola, go fokotsa madi a a kwa godimo le go ritibatsa maikutlo. Are gore motsoko wa dinko o bo o dira tsotlhe tseo, o tshwana fela le diritibatsi jaaka bojalwa tse motho a ka di dirisetsang go ritibatsa maikutlo ka nakwana.
O rotloeditse ba ba dirisang motsoko go emisa ka o le diphatsa mo botsogong ka kakaretso.
Mme Mbulawa a re motsoko wa dinko o sesefatsa ditshika tsa mmele, mme madi a mmele a bo a sa tsamaye sentle, a re ke ka moo o kgonang go emisa mokola. O tsweletse are fa motsoko o kabo o emisa mokola, mokola o kabo o emela ruri.
O gateletse gore motsoko wa dinko , ke seritibatsi fela jaaka tse dingwe, tse di berekang ka nako e khutshwane, mme mo tsamaong ya nako o tshwanelwa ke gore o okediwe. Ka jalo o ne a kopa batho ba ba itlwaeditseng go o dirisa gore ba ye kwa kokelong go alafelwa makoa a ba dumelang fa a emisiwa ke smotsoko.
A re ditlamorago tsa go dirisa motsoko o ka lobaka di akaretsa go jega mo teng ga mmele, go bola kwa o tsenngwang teng ,mme kwa pheleletsong o ka tlisa malwetse a tshwana le kankere. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lesedi Thatayamodimo
Location : GABORONE
Event : Tlhagiso
Date : 07 Sep 2022