Breaking News

Toto o rotloetsa tshomarelo ngwao

06 Sep 2022

Kgosi David Toto II wa Tsabong o rotloeditse tshomarelo ya ngwao ka go aga mabolokelo a ngwao.

O buile se mo moletlong wa go ipelela ngwao ya merafe ya Ovambanderu le Baherero kwa Makopong ka Matlhatso.

A re merafe eo e thibeletse mo Kgalagadi le e mengwe go ralala lefatshe pele ga boipuso, mme ba nna ka ledula le merafe e mengwe.

Kgosi Toto II a re go botlhokwa go ipelela ngwao le go boloka ditso.

 “Gompieno tikologo ya rona e kgabile ka bontle jwa kapari le tse dingwe dintlenyane tsa ngwao.”

Are go itse ditso tsa merafe e mengwe go botlhokwa, ka merafe e e mo mafatshing a a mabapi e sikana.

Kgosi a re go botlhokwa go tlotla merafe, dingwao le ditumelo tsa merafe e mengwe fela jaaka borraaarona mogolo-golwane ba ne ba dira go aga setshaba se se bopaganeng.

Ngwao e aga setshaba ka jalo go botlhokwa go e somarela, a bua jalo.

A re o rotloetsa ditiro tsa mefuta o ka go le botlhokwa go boloka ditso gore dikokomane tse di tlang di ile fitlhele.

A re ngwao e fa motho seriti le kgololesego, ka wabo a ikgantsha ka segagabo jaaka go diragala gompieno.

O akgotse barulaganyi ba meletlo eo ka go somarela thari e ntsho e e tswang goo lowe e tlotliwa.

O phophothile legetla barulaganyi ba modiro, a re se ba se dirileng se molemo fela thata ka se tlaa rotloetsa merafe e mengwe go somarela dingwao tsa bone.

A supa jalo gore thutego ga e a tshwanela go dira gore motho a latlhe ngwao, mme barutegi ba tshwanetse ba kwatabolotsa mo go ba lefatshe la Afrika Borwa ba ba santseng ba tshegeditse dingwao tsa bone lentswa ba rutegile.

Kgosi Toto II a re ngwao ke selo se se ka fetogang le dipaka, ka jalo go tshwanetse ga somarelwa medi ya yone gore e seka ya nyelela jaaka moopelo, maboko, moaparo, bolosika, puo mo dingwaong ka go farologana.

A re losika ke selo se tshwanetseng sa elwa tlhoko, mme batho ba seka ba latlhana ka seo se bopaganya setshaba.

Kgosi o tlhalositse fa ngwao e rotloetsa tlotlano, setho le kobamelo molao, tshomarelo ya ditumelo tse di farologaneng, ka jalo go botlhokwa go e sireletsa.

O gakolotse gore tsamaiso ya ngwao e tshwanetse go nna e matsetseleko ka golo gongwe o ka fitlhela dingwao di thulathulana, mme gape golo gongwe go na le fa di kopanang teng.

O tlhalositse fa go le botlhokwa go arogana megopolo nako le nako go tsweledisa tshomarelo ya ngwao go ya pele.

Fa a rola maikaelelo a letsatsi leo, Rre Benny Kavari a re go botlhokwa go ipelela ngwao gore dikokomane tse di tlang ba itse direto tsa bone.

A re go a tshwanela gore merafe e itse dingwao tsa yone ka kgaolo ya Kgalagadi e le makgatlhanela thapong.

A re seo se ka dira gore ba tlhaloganyane le ba ba agileng le bone gore ba tshedisanye ka kagiso.

Rre Kavari a re go botlhokwa go somarela ngwao gore e seka ya nyelelela, ka jalo maikaelelo ke go kopanya batho ba merafe ya Botswana e e nnang mo mafelong a a farologanyeng gore ba gakololane fa ba ka tswang ba fapogile teng le go naalana ngwao.

A re go tshelelwa mo dipakeng tsa sesha tse di fetogang, ka jalo go botlhokwa go ikgakologelwa le go tlotlana.

O ne a lebogela botsadi jwa kgaolo eo go thulanya ditlhogo go dira gore moletlo oo o nne teng.

Molomaganyi wa lephata la banana, bong, metshameko le tlhabololo ngwao mo Kgalagadi borwa, Rre Moeti Godisamang a re puso e rotloeditse moletlo oo ka P30 000 ka maikaelelo a go rotloetsa ngwao.

“Ngwao e tsala popagano ya setshaba, fa go sena popagano ga gona jaaka re ka tlhabolola lefatshe le,” a tlatsa ka go tlhalosa gore popagano e thusa thata mo tlhabololong ya motho le lefatshe go tshedisanya sentle le ba mafatshe a a mabapi.

A re moletlo oo o tsisa bojanala jwa ngwao mme gape o tsamaelana le lenaneo la ga Tautona la Reset Agenda gore batho ba imatswe menwana mo mehameng e e farologanyeng (value chain development).

Rre Godisamang o kopile gore ditlhamo kana ditso tsa ngwao tse di ka kwadisiwang kwa sefalaneng sa ngwao sa mafatshefatshe sa UNESCO go dirwe. Mme a ba rotloetsa go ikitaya ka thupana go dirisanya le lephata leo go diragatsa seo.

Mopalamente wa Kgalagadi Borwa, Rre Samuel Brooks a re setshaba se se senang ngwao ke moka se latlhegileng, a supa jalo gore go botlhokwa gore ngwao e sirelediwe le gore motho mongwe le mongwe o tshwanetse a itse ko a tlholegang teng le gore go a pele o ya kae.

A re puso e tsaya tsia ngwao nngwe le nngwe e e fitlhelwang mo Botswana, ka jalo merafe e tshwanetse ya ema ka dinao go dirisa ditshono le mananeo a puso go tsosolosa digwao tsa bone.

Fa a rola ditso tsa morafe wa Ovambanderu, Rre Kovihende Kaotoovu go tswa Sehitwa, a re ke seboka sa morafe wa Bantu, mme ba bonwa kwa Namibia, Angola, South Africa le mo Botswana.

Mme kgosi kgolo ya morafe oo ke Kgosi Kilus Kaeraurua Nguvauva yo o tlhokafetseng ngogola.

A re Ovambanderu ba tsile mo Botswana ka dingwaga tsa bo 1800 go tswa Namibia, mme ba tsile ba le setlhopha sa Baherero ka dinako tsa dintwa tsa maburu.

Rre Kaotoovu a re ditso di supa gore morafe o aname mme ebile ba seopo sengwe le Baherero ka ke batho ba ngwao e e tshwanang lentswa ba farologana go se kae.

A supa jalo gore botshelo jwa bone bo tswa goo lowe bo ikaegile ka thuo ya dikgomo, mme ba bonwa mo Kgalagadi, Gabane, Lentsweletau, Pilane, Mahalapye, Rakops, Toromoja, Ngamiland, Charleshill le Makunda.

Mo potsolosong moeteledipele wa morafe wa Ovambanderu mo Botswana, Kgosi Manuel Nguvauva go tswa Sehitwa a re ba tswa kgakala ba tshwara moletlo ko kgaolong ya Ngamiland, mme ba ipelela ngwao le bomorwaraabo ba ba anameng mo mafelong a a farologanyeng mo lefatsheng leno le e mabapi.

Kgosi Zacchious Kaeparura wa Pilane ene a re moletlo o ba butse matlho gore morafe oo mo Kgalagadi o tshela jang, mme go lemosegile fa bangwe ba bone ba sa itse teme ya bone.

“Re lemogile gore go latlhegile teme, ba itse ngwao mme loleme le latlhegile,” a tlhalosa.

A kopa gore ba amogele dikgakololo go baakanya ngwao ka gore mo ditshetlaneng dingwe tsa ngwao, ba filwe dikitso dingwe ke bagologolo mme e se tsone, mme ba tshwarelela ba sa itse fa seo e se sone.

Gape a re go lemotshegile gore bontsi mo kgaolong eo ba ntse ba ipitsa Baherero botlhe, mme go lemosegile fa go na le ba Ovambanderu mo go bone fa go latedisiwa ka difane tsa boraabone mogologolwane lentswa bone ba ntse ba tshela ba itse gore ke Baherero. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : MAKOPONG

Event : Moletlo

Date : 06 Sep 2022