Breaking News

Kgosi o kopela sekole dibuka

06 Sep 2022

Kgosi Lekang Motoane wa Sesung o kopile morafe le ba-na-le seabe go thusa sekole se se botlana sa motse oo ka dibuka.

Kgosi Motoane o buile se fa a amogela baeng kwa letsatsing la go similodisa kgwedi ya thapelo ya Lwetse kwa Sesung mo kgaolong potlana ya Letlhakeng bosheng.

O ne a kopa gape gore go thusiwe le ba ba tlhokileng lesego kwa motseng oo. E re ka jaana kgwedi ya Lwetse e kailwe e le ya thapelo, go rapelela mogare wa HIV/AIDS, COVID-19, dikotsi tsa tsela, boipuso jwa lefatshe le yone pula, Kgosi Motoane o ne a kgothatsa morafe go amogela dithapelo.

Letsatsi leo le ne le tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng, Kagiso le Tshegofatso Dineo tsa Modimo tsa Letlotlo la Botsogo.

Mogolwane wa mokgatlho wa House of Angels, Rre Tseo Lekuntwane o ne a supa fa maikaelelo a letsatsi leo e le go nonotsha dikereke, go lwantsha malwetse a a sa foleng le kgokgontsho.

Mo mafokong a gagwe a kgothatso, modulasetilo wa lekgotla la baruti kwa Letlhakeng, Rre Karabo Lekula wa kereke ya Eloyi, o ne a kopa morafe go batla le go tshelela Modimo.

O ne a ba kopa gape go tia mo tumelong mme ba tswelele ka go ikanya Modimo e seng go mo tlhoboga fa ba kopana le dikgwetlho tse di farologanyeng tsa botshelo.

Fa a rola molaetsa wa letsatsi, sebui sa tlotla ebile e le mogolwane wa motshameko wa Makgabaneng, Rre Tony Leburu, o ne a tlhalosa fa lefatshe e le la Modimo le tsotlhe tse di leng mo go lone, ka jalo batho ba tshwanetse go rapela Modimo gore ba bone tharabololo ya mathata a bone.

O tlhalositse gape fa Botswana e le lefatshe la tumelo ke ka moo Batswana ba simolola tiro nngwe le nngwe ka thapelo.

Rre Leburu o ne a tlhalosa fa Modimo a seka a latlha ope yo a ikanyang mo go ene, ka jalo a ba rotloetsa go tswelela ba rapela.

Baruti ka go farologana ga dikereke ba ne ba rapelela makoa a a farologanyeng, bana ba dikolo ba ba kwalang ditlhatlhobo mono ngwaga, boeteledipele jwa lefatshe le tse dingwe.

Mokhanselara wa kgaolo ya Khudumelapye/Sesung, Rre Osupile Metseebapile o ne a leboga ba ba neng ba rulaganyetsa letsatsi leo le gone gore tiro e ne ya tsamaya sentle.

O ne a supa fa a dumela gore Modimo o tlaa thusa gore go bonwe kalafi ya malwetse a a sa foleng.

BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : SESUNG

Event : Kamogelo baeng

Date : 06 Sep 2022