Sebati o tlhongwa Kgosana ya Tetlanyo kwa Pitsaneng
06 Sep 2022
Rre Diane Sebati o tlhomamisitswe semmuso go nna kgosana ya tetlanyo ya kgotla ya Pitsaneng kwa Kanye. Kgosi Sebati o tsaa maemo a, morago ga go tlhokafala ga ga rraagwe, Rre Matirika Sebati ka 2020.
E rile a mo tlhoma mo maemong ao, mo boemong jwa ga Kgosi Kgolo Malope II, Kgosi Sane Kuto o supile fa Kgosi Sebati a beilwe mo setilong a sa tshwarelela ope.
O boleletse Kgosana Sebati fa a tsena mo tirong e tona ee tlhokang lerato, boineelo le bopelotelele.
Kgosi Kuto o mo gakolotse gore a seka a tsaya letlhakore fa a letlanya, a gatelela gore o tshwanetse go thusa morafhe ka tekatekanyo. O mo gakolotse gape fa a sa tshwanela go theogela a nole, a tlatsa ka gore kgosi o tshwanetse go lebega ka kapari ya gagwe le ka ditiro.
O ile a kopa morafe go ema kgosana ya bone nokeng, a tlatsa ka seane se se reng, Kgosi ke Kgosi ka batho.
Fa a gakolola, mopalamente wa pele wa Kanye Rre Leach Tlhomelang o supile fa ele boaammaaruri Kgosi sebati a tswa mo lelwapeng lwa bogosi.
Rre Tlhomelang o ne a kopa Kgosi Sebati go itshegetsa thata ka mosadi wa gagwe, le gore o tshwanetse go itse fa a ratiwa thata ke batlhanka ba gagwe.
O kopile morafe go mo ema nokeng, a wela ka gore mo go tse tsotlhe Kgosi Sebati a ikanye Modimo.
O ne a mo gakolola gore botsala bo senyetsa motho tiro, e bile a seka a dira dilo ka tshokamo.
Are a seka a tsaa pipa molomo mme a sale molao le tsamaiso morago. A re ba tlaabo ba na le ene ba mo gakolola gore a kgone go tsamaya mo tseleng e e siameng.
Motsadi, Rre Neo Thebeetsile o gakolotse Kgosi Sebati go ikokobeletsa morafe wa gagwe, ka e bile ele leitlho la ga kgosi mo kgotleng ya Pitsaneng. Rre Thebeetsile o ne mo gakolola fa a tlaabo a emetse Kgosi Kgolo gammogo le puso, ka jalo a golaganye ka bomolemo. O ne a mo gakolola gape gore a seka a utlwa ka ditsala, e bile a kgone go go farologanya dikgakololo le go raelwa.
Fa a amogela thomo, Kgosi Sebati o lebogile morafe go bo o mo amogetse, a supa fa a santse a na le tokololo ya go dira tiro ya bogosi. O kopile mothusi wa gagwe go mo thusa go etelelela motse mmogo, a kopa botsadi gore bo seka jwa tshaba go mo gakolola.
“Tswaragano ke selo se setona se sentle se se ka re thusang go dira pharologanyo mo motseng wa rona, ka jalo ke ka kgona fela ka kemo nokeng ya lona,” ga bua Kgosi Sebati. Kgosi o supile fa a lebogetse dikgakololo tsotlhe BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Thuso Kgakatsi
Location : MMATHETHE
Event : Peo kgosana
Date : 06 Sep 2022