Banni ba kgotsofalela kgaolo ya bone
06 Sep 2022
Banni ba Kalamare, Mmutlane le Bonwapitse ba re ntswa kgaolo ya bone ya Shoshong e sena ditlamelo tse di fitlhelwang kwa Mahalapye West, ba na le lesokolela la gore fa ba ka fudusiwa go ka koafatsa kgaolo ya Shoshong.
Ka jalo banni ba re ba siame mo kgaolong ya Shoshong e e nang le banni ba le 31 267 palo e e kwa tlase ga 41 396, e e leng seelo sa botlhophi. Kgaolo ya botlhophi ya Shoshong e na le metse e le lesome le bone.
Ba supile se mo phuthegong e e neng e tshwerwe ke lekoko le le sekasekang melelwane ya dikgaolo tsa botlhophi mo kgotleng ya Kalamare ka Mosupologo.
Fa a rola mogopolo wa banni ba Kalamare, Rre Mogorosi Ntlotlang o supile fa kgaolo ya Shoshong e le bophara fa e tshwantshwanngwa le dikgaolo tse dingwe.
A re kgaolo e, e farologane, e motlhaba bontlha bongwe jwa yone, ka fa gongwe go melapo mme se se kgoreletsa go tsamaya ga mopalamente mo kgaolong.
A re ntswa ba lemoga gore dipalo tsa bone di kwa tlase, ba kopa gore ba fiwe sebaka e le kgaolo ka gore dilo dingwe ga ba kgone go di dira lebakeng la popego ya lefelo, le le mantswe, mme go ka ba paledisa go ya Shoshong ka ba tshwanelwa ke go dikologa.
Rre Ntlotlango ne a kaya fa mabaka a a supileng a sa ba pateletse gore ba ka sutisiwa mo kgaolong ya bone ka ba tswa kgakala le yone e bile ba setse ba e tlwaetse. O ne a re fa go ka nna le mabaka mangwe a a ka bakang go sutisiwa, ba ka eletsa go tsenngwa mo kgaolong ya Mahalapye West ka bontsi jwa banni ba kgotla ya Leretlwa mo Mahalapye ba tswa kwa Kalamare.
E rile fa a ntsha lentswe la banni ba Bonwapitse Rre Kebadire Goromente o ne a kaya fa banni ba supile fa ba tlaa tswelela ba ntse ba le mo kgaolong ya Shoshong le ntswa bone ba bapile thata le Mahalapye.
A re neelano ya bone e le kgaolo ya Shoshong e santse e tsepame fela sentle.
O ne tlhalosa gore fa ba tswa mo kgaolong ya Shoshong go tlaa bo tlhaetsa dipalo tsa Shoshong. A re ba tsamaya sekgele se se leele ba ya Shoshong mme se ga ba se tseye e le lebaka la go ka huduga.
O ne a kopa gore le bone fela jaaka ba Kalamare fa go ka nna le mabaka a a pateletsang gore ba fudusiwe ba bewe mo kgaolong ya Mahalapye West.
Rre Goromentse o digetse ka go kaya fa kgaolo ya Shoshong e na le dipalo tse di potlana tsa batho mme a re ga ba amogele gore go ka ntshiwa mongwe motse mo go yone.
Rre Gaolekwe Gaolekwe e le moemedi wa banni ba Mmutlane o ne a simolola ka go supa fa kgaolo ya Shoshong e palelwa ke go fitlhelela palo e e beilweng e le ya kgaolo.
A re ka puo ba a utlwana ba le mo kgaolong, ditlhaeletsano ba siame le fa go santse go tlhaela mme ka mabaka a bone ba ka nna fela mo kgaolong ya bone, ka ba sa batle go e duba.
Mo dikakgelong, Rre Shadrack Ramotlhwa o ne a ntsha mogopolo wa gagwe a supa fa tota go nna mo kgaolong ya Shoshong e le ba Kalamare, Mmutlane le Bonwapitse e tlaa bo e le go ipogisa fela.
A re Shoshong ga a na Rural Administration Centre (RAC), ditlamelo tsotlhe ba di tsaya kwa Mahalapye mme go ka nna molemo thata fa ba ka tsena mo kgaolong ya Mahalapye.
Rre Lentswe Seabe le ene o ne a ntsha mogopolo wa gore ba sutisediwe mo kgaolong ya Mahalapye, ka gore dintlha tsa thuto, botsogo le ditlamelo tsa pabalesego ya dijo le tikologo tsotlhe ba di bona mo Mahalapye.
Banni ba ne ba ngongoregela palo batho, ba re ga e a tsamaya sentle ke ka moo kgaolo ya bone e supilweng fa e na le batho ba ba potlana le ntswa e le tona le batho ba le bantsi.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onkarabile Moeng
Location : KALAMARE
Event : Phuthego
Date : 06 Sep 2022