A Mahalapye e nne kgaolo e le nngwe
05 Sep 2022
Banni bangwe ba Mahalapye Bophirima ba kopile gore motse wa Mahalapye e nne kgaolo e le nngwe fela ya botlhophi ya bopalamente.
Banni ba buile se kwa Mahalapye ka Labotlhano, mo phuthegong e e neng e buisiwa ke lekoko le le tsamayang le tsaya megopolo mo setshabeng mabapi le kgaoganyo ya melelwane ya dikgaolo tsa botlhophi tsa bopalamente.
Fa a amogela baeng, mothusa Kgosi ya Mahalapye, Kgosi Tshipe Tshipe o kopile lekoko go sekaseka gore a Mahalapye e ka nna kgaolo e le nngwe fela ya botlhophi.
Kgosi Tshipe o tlhalositse fa go kgaoganngwa ga Mahalapye ka dikgaolo tsa botlhophi tse pedi, e bong Mahalapye Bophirima le Mahalapye Botlhaba, go bakile mathata mo mererong ya bogosi ka dikgotla tse tharo tsa Mahalapye, e bong Flowertown, Boseja le Xhosa I di wela ka fa tlase ga kgaolo ya botlhophi ya Mahalapye Botlhaba.
Fa a bua mo boemong jwa banni ba Mahalapye Bophirima, modulasetilo wa komiti e okametseng dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse, Rre Boniface Disho le e ne o supile fa motse wa Mahalapye o tshwanetse wa ikemela ka bonosi e le kgaolo ya botlhophi ka o na le palo ya batho ba fetang 48 000.
O ne a tlhalosa fa dipalo tse, di letla e bile di baya kgaolo mo tshiamelong ya gore Mahalapye a ikemela ka bonosi e nne kgaolo ya botlhophi ya bopalamente e feletse.
Mo boemong jwa banni ba Tewane, Mme Rebecca Mpenyane o kopile lekoko gore le sekaseke gore motse wa bone o tswe mo kgaolong ya Mahalapye Bophirima o tsenngwe ka fa tlase ga kgaolo ya botlhophi ya Palapye.
Mme Mpenyane o supile fa motse wa Tewane o le gaufi thata le Palapye go na le Mahalapye, a tlatsa ka gore go botoka go wela ka fa tlase ga kgaolo e ba tsayang ditlamelo ka bontsi kwa go yone.
Le fa go ntse jalo, mopalamente wa Mahalapye Bophirima, Rre David Tshere o ne a gatelela fa go le botlhokwa gore motse wa Mahalapye o kgaoganngwe ka dikgaolo tsa botlhophi di le pedi.
Rre Tshere a re ene o bona go le botlhokwa gore go tswelele e nne dikgaolo tsa botlhophi tse pedi, fa ele sengwe bogolo go fetolwe maina a dikgaolo tse tsa botlhophi, gongwe Mahalapye Bophirima e nne Mahalapye fela.
Go ya ka dipalo tsa palo ya batho ya ngwaga wa 2012, kgaolo ya botlhophi ya Mahalapye Bophirima e ne e na le batho ba le 32 896, mme ngwaga ono e na le batho ba le 36 984.
E re dikgang di eme jalo, banni bangwe ba Mahalapye Botlhaba bone ba kopile gore kgaolo ya bone ya botlhophi e tswelele e ntse jaaka e ntse, mme ba kopa gore motse wa Dibete o tsenngwe ka fa tlase ga kgaolo ya Mahalapye Botlhaba.
Banni ba boleletse lekoko kwa Mookane ka Labone.
Mo mafokong a gagwe a kamogelo, Kgosi Borumolano Tshipana wa Mookane o ne a tlhalosa fa keletso ya banni ba Mahalapye Botlhaba e le gore motse wa Dibete o boele ka fa tlase ga kgaolo ya bone ya bopalamente.
Baemedi ba banni, go tswa kwa metseng ya Mookane, Makwate, Dovedale, Kudumatse, Mokoswane, Shakwe, Pallaroad, Taupye, Setsile, Flowertown/Boseja le Xhosa I le bone ba buile ka lentswe le le lengwe fela gore kgaolo ya botlhophi ya Mahalapye Botlhaba e tswelele e ntse fela jaaka e ntse, mme motse wa Dibete o boele mo go yone gore dipalo tsa kgaolo di oketsege.Go ya ka dipalo tsa palo ya batho ya ngwaga wa 2012, kgaolo ya Mahalapye Botlhaba e ne e na le batho ba le 25 835, mme ngwaga ono e na le palo ya batho ba le 30 048. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lorato Gaofise
Location : MAHALAPYE
Event : Phuthego
Date : 05 Sep 2022