Breaking News

Mopalamente o solofetsa Machana sediba

04 Sep 2022

Mopalamente wa Mmathethe/ Molapowabojang, Dr Edwin Dikoloti o solofeditse banni ba Machana sediba, go tokafatsa temo-thuo.

Dr Dikoloti o ba solofeditse se mo phuthegong ya kgotla kwa Machana bosheng. O ne a tlhalosetsa banni fa kgaolo ya bone e nonne ebile e ka kgona go ntsha dijo ka go farologana.

O tsweletse ka go supa fa sediba se se tlaa ritibatsa seemo sa letlhoko la metsi mo motseng, e bile se tlaa thusa banana ba motse go kopa mananeo a puso ka go farologana, a a tlhokang metsi go atlega.

“A re berekeleng mo nakong, re batle fa sediba se ka epiwang teng ka jaana yo o epang o emetse go bidiwa fela,” a tlhalosa.

Tona Dikoloti o supile fa mpho ya sediba e tswa mo mongweng wa tsala ya gagwe, yo o nang le keletso ya go bona matshelo a Batswana a tokafala.

O ne a itsise morafe ka ISPAAD e ntsha, a tlhalosa fa e tlaa tokafatsa maduo a temo thuo go gaisa e e fetileng.

“Lo ya go felela lo itse le selekanyo sa thobo se se tshwanetseng go tswa mo masimong a lona. Mongwe le mongwe o ya go tlamega go dira polelo ka fa a dirileng ka teng,” ga bua Dr Dikoloti.

Mopalamente o tlhaloseditse morafe gore tiriso ya maranyane e botlhokwa thata go tokafatsa maduo, ka jalo a supa fa a tletse komiti ya motse ka laptop go ba thusa go dira ditiro tsa bone botoka, go boloka dikgang tsa bone le go tlhaeletsa.

E ne yare fa a kgwa morafhe dikgaba mabapi le ditlhabololo tse ba reng di bonya, a ba tlhalosetsa gore segajaja sa COVID-19 se ne sa pateletsa puso go dirisa bontsi jwa madi go somarela matshelo a batho.

“Tautona o ne a itlama gore matshelo a batho a tshwanetse go tla pele ga tsotlhe,” a tlatsa.

E rile fa a ntsha la gagwe, Kgosi Tsamase Tsamase a supa fa ba tshwentswe ke ditlhabololo tse di saletseng kwa morago mo motseng wa bone.

Le fa go ntse jalo o ne a akgolela puso seabe sa yone mo go tokafatseng temo thuo.

Kgosi Tsamase o ne a kopa mopalamente go ba thusa gore malwapa a bone a kwadisiwe ke ba kabo ditsha, a supa fa go tlhoka ditlankana tsa ditsha go ba itsa go tlhabolola metse ya bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Thato Modiakgotla

Location : KANYE

Event : phuthego ya kgotla

Date : 04 Sep 2022