Breaking News

Go tsosolosa ngwao go botlhokwa

04 Sep 2022

Mopalamente wa Selebi Phikwe Botlhaba Rre Kgoberego Nkawana are go a itumedisa go bona Batswana ba santse ba na le kgatlhego mo ngwaong ya bone.

O buile se kwa moletlong wa ipelelo letlhafula o o neng o rulagantswe ke ba Cresta Bosele mo Selebi Phikwe ka matlhatso.

Moletlo e ne ele lantlha o tshwarwa morago ga dingwaga tse pedi ka lebaka  la go tlhagoga ga mogare wa COVID-19.

Rre Nkawana o tlhalositse fa moletlo o, o le botlhokwa thata mo matshelong a bana ka go sena kwa ba kopanang teng le dijo tsa Setswana, metshameko le one mmino wa setso  ka lebaka la  diphetogo  tsa maranyane tse ba iphitlhelang ba golela mo go tsone.

O supile fa go le botlhokwa thata gore batsadi ba nne ba tlisa bana kwa medirong ya go nna jaana gore ba ithute ngwao ka e le yone e bopang ngwana wa Motswana gore e tsoge e le mme kgotsa rre yo o ikaegileng ka ngwao.

Rre Nkawana o ne a rotloetsa bogogi jwa Cresta Bosele go bapatsa thata modiro o gore o ngoke batho ba  mafatshe a sele ka se se ka godisa kgwebo ya bone le go thusa bagwebi ba ba botlana go oba letsogo.

Rre Nkawana a re se ba Cresta Bosele ba se dirang se a kgatlha ka ba sa itebaganya fela le tsa kgwebo mme ba na le seabe sa go tsosolosa ngwao ka go kopanya merafe e e farologaneng go rutana ka dingwao tsa yone.

O tsweletse a re go bothokwa gore batho nne ba kopana bogolo jang mo nakong tse  di thata tse batho ba gateletsweng ke maikutlo ntateng ya malwetse le botshelo jo bo bokete.

Erile a tswa la gagwe mookamedi wa Cresta Bosele mo Selebi Phikwe Rre Ferdinand  Sebinyane o ne a tlhalosa fa ba tshwara moletlo wa Letlhafula ngwaga le ngwaga maikaelelo magolo e le go tsosolosa ngwao.

Rre Sebinyane a re, ele ba kompone ya Bosele ba dirile maitlamo a go  nna le seabe  go fetola matshelo a batho ba ba tlhokang go ya ka fa ba ka kgonang ka teng.

A re ka yone tsela e, go setse go na le ngwana mongwe yo ba mo thusitseng ka go mo abela dilwana tsa ntlu di tshwana setofo, bolao le dijo, a re ka tshwaragano le ba Khansele ya Selebi Phikwe ba setse ba kgonne go bonela  ngwana yoo setsha se ba ikaelelang go se tlhabolola.

Rre Sebinyane a re se se tlaa dira pharologanyo e tona thata mo botshelong jwa ngwana yoo ka e le motho yo o tshelang ka bolwetse jwa tlhaloganyo mme a tlhoka gore a nne le bonno jo bo siameng gore a babalesege.

Rre  Sebinyane o ne a supa fa ba itumelela tshwaragano ya bogogi jwa toropo ya Selebi Phikwe, setshaba le dikompone ka go farologana are se se thusa gore ba kgone go diragatsa maitlamo a bone a go thusa ba ba tlhokang.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : moletlo wa ipelelo letlhafula

Date : 04 Sep 2022