Modiragatsi o abela baithuti ditlhako
04 Sep 2022
Modiragatsi Rre Abednico Baitsile o abetse baithuti ba le masome a mane le boraro ba sekolo se sebotlana sa Manonnye kwa Serowe ditlhako tsa sekole.
Fa a bua kwa moletlong wa go abela baithuti bao ditlhako kwa sekoleng seo ka Labotlhano, Rre Baitsile o ne a supa fa a ne a lemoga fa mo kgotleng ya bone ya Mpapadzi bana ba tsamaya ba sa rwala ditlhako.
O ne a tlhalosa gore e rile go lemoga seemo se, a potlakela go se tsibogela bogolo jang thata ka go ne go le paka ya mariga e bile gape sekolo se bapile le molapo mme serame se ka nna kotsi mo baneng.
Rre Baitsile yo eleng modiragatsi, o itshetsa ka go ruta mmino wa manyalo, go boka le go opela.
O ne a supa fa ditlhako tse a ne a di reka ka dipoelo go tswa mo manyalong a le mararo.
E rile a tswa la gagwe, mogokgo wa sekolong seo Mme Kamogelo Tlhwaafalo o ne a leboga Rre Baitsile go menagane go bo a bone gole botlhokwa go thusa bana bao.
Mme Tlhwaafalo o supile fa ba ntse ba hutsafadiwa ke letlhoko la bana ba bone mo sekolong, ka jalo a lebogela bopelontle ba ga Rre Baitsile.
O ne a kgothatsa botlhe go tsaya karolo mo go tlhomamiseng gore Batswana e nna tshaba ee kutlolobotlhoko. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Patricia Speakson
Location : SEROWE
Event : Kabo dimpho
Date : 04 Sep 2022