Maitiso a moopelo wa diatla a ngoka matshwititshwiti
04 Sep 2022
Barati le balatedi ba moopelo wa go opa diatla ba galaleditse mmino oo ba supa fa maitiso a Gaborone International Music Concert (GIMC) a godisa serodumo sa o ne le bodiragatsi mo Botswana.
Mme Rethabile Konopo yo e leng mongwe wa ba ba kgobokanyetsang nngwe ya ditlhopha tse dineng di opela sa Angels of God madi, o buile mo potsolosong le BOPA gore ba itumetse go bona mmino wa moribo o o tsere karolo mo thulaganyong ya GIMC.
“Go a itumedisa go bona lefelo le le tletse, mme go supa fa e se balatedi ba mmino o fela, ke itemogetse gore gona le ba ba ratang jazz, R&B, Choral le ba bangwe ba tsile go itisa le go rotloetsa,” ga bua jalo Mme Konopo.
A re dipalo tse dintsi tsa batho ba ba tshologetseng maitisong ao, di supa fa o na le kgogedi le gone go kopanya badumedi.
Mme Konopo o galaleditse mogokaganyi wa GIMC, Rre Thapelo Pabalinga go bo a a akareditse moopelo o mo lenaneong la gagwe la GIMC, a re se se supa gore o dumela mo ditalenteng tse di farologanyeng tse di ka godisang bodiragatsi.
O kaile fa go laletsa khwaere ya Isaac and Mighty Messengers go tswa kwa Aferika Borwa, go tsaya karolo le go opela le dikhwaere tse tharo tsa mo Gaborone e bong, Angels of God, Soul Redeemers le Dineo tsa tumelo, go supa gore morulaganyi o na le mowa wa neelano le gone go kgothatsa dikhwaere gore di rotloetsane gape di tseye malebela a go tsamaisa dikhwaere.
Moopedisi wa khwaere ya Soul Redeemers, Daniel Ramo le ene o galaleditse GIMC, go bo e go godisa mmino oo.
O kaile fa Rre Pabalinga a supeditse mafatshe a sele bodiragatsi jwa mo gae, mme a supa fa se se ka thusa le gone go godisa bodiragatsi mo gae.
A re khwaere ya bone e setse botsipa jwa gore ba ka ngoka balatedi jang fa ba opela.
O galaleditse le dikhwaere tse dingwe, a supa fa ba supile matla le lorato ka moopelo wa diatla, mme a itemogetse gore mmino o o godile fela thata mo Botswana.
Mongwe wa barati ba mmino o gape a opelelang Matla Gospel Choir, Tefo Galeboe o kaile fa le ene a itemogetse gore mmino o o godile mo gae.
Galeboe a re banana le bagolo ba supile kgatlhego ya go opela mo dikhwaereng, mme se se supa gore gona le isago e e nonofileng mo bodiragatsing jwa Botswana.
O kopile dikompone go etleetsa dikhwaere tse ka bontsi e le baithaopi ba dikereke tse di farologaneng, ba dira jalo go intsha bodutu, mme a eletsa gore nako nngwe se se ka fetoga ya nna tiro e motho a obang letsogo ka yone, go thusa le seemo sa letlhoko la ditiro le go ntsha banana mo mebileng.
A re go tlhoka kemo nokeng go itsa kgolo ya mmino, a fa sekai sa gore mo Botswana ba ithekela diaparo tsa kopelo, fa dikhwaere tsa Aferika Borwa tsone di na le ba ba thusang ka madi.
Galeboe o supile fa dikhwaere tsa Aferika Borwa bangwe ba thapilwe gore ba opele, selo se a se kaileng se ka diragala mo Botswana.
Mongwe wa balatedi ba mmino wa choral, Gaone Masole o kaile fa a gakgamaditswe ke boidiidi jwa batho ba ba kwa moopelong, a supa fa GIMC e le thulaganyo ya Modimo e e ka godisang bodiragatsi mo Botswana.
O kaile fa go supafala gore moopelo wa diatla ona le bokgoni jwa go direla lefatshe leno madi.
Mmino o o tlwaelesegileng ka leina la Clap n Tap, o ne o ngokile boidiidi jwa batho mme dikhwaere di le nne di ne di opela difela tsa kereke tsa Setswana ka mokgwa o o faphegileng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Bakang Wren
Location : GABORONE
Event : Potsolotso
Date : 04 Sep 2022