Banni ba Tlhareseleele ba ipelela ngwao
04 Sep 2022
Mopalamente wa Goodhope-Mabule Rre Eric Molale o kgothaditse banni ba Tlhareseleele go tshwaragana le merafe e mengwe e ba tshelang le yone, ka go amogela dingwao le ditsamaiso tsa yone ka go farologana.
Rre Molale o buile se, kwa moletlong wa go ipelela ngwao ya Sesotho kwa Tlhareseleele ka Labotlhano.
O gakolotse banni ka botlhokwa jwa go itse gore Kgosikgolo ya bone ke ya Barolong, mme e bile ka ba nna le Barolong, ba tshwanetse go netefatsa gore ba tshela le bone sentle.
Tona Molale o supile fa lefatshe le ba nnang mo go lone go nna batho ba dingwao tse di farologaneng go akaretsa Barolong le Bangwaketse.
A re go botlhokwa gore ba tshele ka ledula, lorato le tshwaragano e eleng yone e bopileng lefatshe la Botswana le le akaretsang merafhe le dingwao tse di farologaneng.
Motsadi mo motseng, Rre Selelo Motseko a re Basotho ke batho ba ba tshelang ka kagiso mme nako e ntsi ba ikaegile ka temo le leruo.
O supile fa go tswa bogologolong ba ne ba tshela ka letsema le mafisa,a tlhalosa fa seo se direlwa gore botlhoki jwa ba ba kobo dikhutshwane, bo seka jwa bonala.
Rre Motseko o supile fa morafe wa Sesotho o rata thuto thata ka ba itse fa ele yone boswa jo bo sa feleng.
O ne a kopa mopalamente gore ere nako e bana ba dikole ba simololang go rutwa ka loleme lwa bone, ba itse gore go na le Basotho mo Tlhareselele.
A re seo se botlhokwa ka gore ba tshwenyegile ka gore go lebega puo ya bone e nyelela ka bonya.
Rre Motseko o supile fa ka ngwao ya bone ba bolotsa paka ya mariga le gone go amogela paka ya selemo, a tlhalosa gore fa selemo se tloga se tsena, ba netefatsa gore ba sela matlakala otlhe gore fa pula e na e fitlhele go sena leswe lepe mo motseng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : TLHARESELEELE
Event : ipelelo ngwao ya Sesotho
Date : 04 Sep 2022