Banni ba Tshokwe ba batla borogo
01 Sep 2022
Mopalamente wa Mmadinare, Rre Molebatsi Molebatsi o solofeditse banni ba Tshokwe fa a tlaa lwa ka tsotlhe gore kago ya borogo jwa noka ya Molabe e tsene mo lenaneong la ditlhabololo la bolesome le bobedi.
Fa a araba matshwenyego a banni ba Tshokwe mo phuthegong ya kgotla kwa motseng oo ka Labobedi, Rre Molebatsi o ne a re o itse matshwenyego a banni bone ka noka ya Molabe e e ba itsang go tlola ka nako tsa dipula.
A re borogo joo ga bo kake jwa kgonagala gore bo dirwe ka madi a khansele ka gore noka ya Molabe e tona e tlhoka borogo jo bo tona, jo bo tlhokang go tsenngwa mo lenaneong la ditlhabololo gore bo dirwe.
O tlhalositse fa puso e ka kgona go aga borogo jo fela fa bo tsentswe mo lenaneong la ditlhabololo.
Go tlaleletsa mafoko a mopalamente, mogolwane mo lephateng la ditsela kwa Bobonong, Mme Seole Sosome o ne a re lephata la ditsela le na le lekalana le le itebagantseng fela le kago ya marogo mme mo ngwageng wa madi o o fetileng go ne go itebagantswe le go aga borogo jwa Mohembo le jwa Kazungula.
Mme Sosome o ne a tlhalosa fa lephata la gagwe le dirile lenaneo la ditlhabololo mme mo go lone borogo jwa Molabe bo le kwa pele, a tlatsa ka go re ba ntshitse mabaka a a utlwalang gore ke eng borogo jo bo tshwanelwa ke go dirwa.
A re fa go dirwa ditshekatsheko go lebelelwa mabaka a a ntshitsweng, ka jalo go santse go le mo lenaneong la go aba ditiro tsa lephata.
A re lephata le ne le ntshitse tiro ya gore go dirwe motshelakgabo mo nokeng eo, mme tiro eo ga e ise e ajwe ka lephata e le gone le neng le tlhopha komiti e e sekasekang ditiro tse di tshwanetseng go dirwa ke lephata.
Mo go tse dingwe, Rre Molebatsi o rotloeditse bogogi jwa motse e bong kgosi, komiti ya ditlhabolo le mokhanselara go tshwaragana mo dikgannyeng tsa ditlhabololo tsa motse.
A re ba tshwanelwa ke go itse ditlhabololo tse di dirwang mo motseng wa bone le gore di dirwa ke bomang ka bokae, e bile di fela leng e seng fela go bona go dirwa ditiro tse ba sa itseng sepe ka tsone.
Fa a bua ka tsa temo-thuo, Rre Molebatsi o tlhalositse fa lephata la gagwe le santse le sekaseka lenaneo la temo la ISPAAD ga mmogo le la dihutshane la LIMID.
A re mananeo a a santse a emisitswe mme mo nakong e khutshwane ba tlaa itsise setshaba ka mananeo a masha a a dirilweng.
O kopile balemi gore ba ikopanye ba kgone go thusiwa go agelela masimo ke puso gore ba seka ba senyediwa ke leruo fa ba lemile.
O kopile barui go tlhokomela leruo gore le seka la tlolela kwa Zimbabwe, a re go setse go tlhagogile bolwetse jwa tlhako le molomo mo mafelong mangwe, ka jalo go botlhokwa gore ba gagamatse go disa leruo la bone gore le seka la tlola molelwane.
A re paakanyo ya terata ya matlhoko a leruo e tsweletse mme ba seka ba baya fela mo go yone ka gore e tshabelelwa ke go senngwa ke ditlou.
Kgosi Itumeleng Pelotona wa Tshokwe o lebogetse maiteko a a dirilweng ke mopalamente ga mmogo le ba ditsela gore go dirwe borogo jwa noka ya Molabe.
A re fa pula e nele e le ntsi batho ba Tshokwe ba sokola go tlola noka ntswa ba tlhoka go tsaya ditlamelo kwa Selebi Phikwe, Bobonong le mafelo a mangwe.
Kgosi Pelotona a re tsela e e tsenang mo motseng wa gagwe le yone e tlhoka go tshelwa sekontere gore go nne bonolo go bona ditlamelo, ka tsela e e senya dikoloi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : TSHOKWE
Event : Phuthego
Date : 01 Sep 2022