Breaking News

Salang ditsetlana tsa tsamaiso puso morago - mopalamente

01 Sep 2022

Mopalamente wa Good Hope/Mabule, Rre Eric Molale o kopile badirelapuso ba kgaolo ya gagwe go sala ditsamaiso tsa puso morago.

O buile mafoko a mo phuthegong ya kgotla e a neng a e tshwere kwa Sekhutlane ka Labobedi.

Se se tla morago ga gore banni ba motse oo ba ngongorege ka fa ditirelo dingwe ba di fiwang ka teng.

Ba supile fa gareng ga dingongora tsa bone e le ya ga rakonteraka yo o dirang tiro ya go ba isetsa metsi, mme ba supa fa ba le ’bete se molangwana ka jaana a itletse ka bodiredi.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Boti Maoto o boleletse mopalamente gore ba lekile go ikopela tiro mo komponeng eo mme ba itaya se fololetse ka jaana a ne a gana go ba hira a tlhalosa fa ba bereka mo komiting eo ya ditlhabololo tsa motse mme gape a na le babereki ba gagwe.

Ba re se se ngomolang pelo ke gore kompone eo e tsile fela ka go dira mealo e e phatlalatsang metsi mme le fa e le go ipega mo bogoging jwa motse go ba paletse.

Fa a tswa la gagwe, Rre Molale o boletse gore kompone eo e sokamisitse maitlamo le maikaelelo a puso ka gore go dumalanwe gore, fa gona le ditiro mo motseng, bodiredi bo tshwanetse go thapiwa gone mo motseng oo pele.

O boletse gore motse o tshwana le wa Sekhutlane, bodiredi bo gakololwa ke molaodi, ba gogele kobo ntlha nngwe go lebilwe mabaka a itsholelo le diemo ka jaana o wela ka fa tlase e go tweng ke e e kgakala le ditlamelo.

Rre Molale a re ditiro di tshwana le tsa go kgweetsa dikoloi tsa puso le tsa badisa dikago ga di a tshwanela go batlelwa batho kwa ntle ga motse wa mohuta oo fa go na le mongwe yo o nang le bokgoni jwa tsone mo motseng.

O ne gape a kopa bodiredi gore ba bereke ka boineelo le maitseo ka jaana ba romilwe ke puso, a tlatsa ka go re dinako tse dingwe go utlwisa botlhoko e bile ga go maleba ka jaana bangwe ba felela ba roba melao ya tsamaiso bodiredi segolo jang fa ba ntse mo kgaolong sebaka se seleele.

Mopalamente o laetse boeteledipele jwa dikgaolo gore bo netefatse gore dingongora tsa go nna go ntse go twe ga go na bakgweetsi ba di fedise ka ponyo ya leitlho ka jaana go batla bakgweetsi go le mo maruding a bone.

O kopile gape gore botlhe ba ba neng ba solofeditswe go fiwa mananeo a nyeletso lehuma ba a neelwe ka gore ga go na mabaka a gore e re morago ga dingwaga tse di ntsi jaana ba bo ba ise ba neelwe sepe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : SEKHUTLHANE

Event : Phuthego

Date : 01 Sep 2022