Tlhaelo ya bodiredi le didirisiwa e koafatsa maduo
01 Sep 2022
Sekole se sebotlanaa sa Setlhomo kwa Otse se aperwe ke tlhaelo ya barutabana le didirisiwa tse di sa lekaneng dipalo tsa baithuti.
Se se builwe ke Mogokgo Neo Mangope kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Shoshong e bile e le mothusa tona wa thuto le tlhabololo dikitso, Rre Aubrey Lesaso kwa Otse ka Labobedi.
Mogokgo a re ba tlhaelelwa ke didirisiwa tsa maranyane jaaka dikhomputara le motshine o o ntsifatsang dipampiri, a supa le gore dibuka tse di leng teng ga di mo seemomg se se itumedisang.
Mme Mangope o tlhalositse fa sekole se amogela dipalo tse dintsi tsa bana mo go dirang gore ba tlhaelelwe ke matlwana a borutelo fa bangwe ba tsena ba le bantsi ba bo ba sa dire sentle ka lebaka la mosuke.
O tlhalositse fa bana ba ba ipaakanyetsang lekwalo la ntlha ba se na fa ba ithutelang teng mme se se bake kgoreletsego mo dithutong.
O boletse fa sekole se na le dingwaga tse tlhano se sena morutabana yo o tlhokometseng bana ba ba ipaakanyetsang lekwalo la ntlha mme seo se ama motheo wa thuto ya bone.
O ne a supa ngongorego mabapi le tlhaelo ya boroko jwa barutabana, kgopo ya leswe kwa matlong a bone le letlhoko la motlakase mme a kopa gore dikgang tseo di tsibogelwe.
O boletse fa matlwana a borutelo le a boitlhomelo a se mo seemong se se siameng mme se se baya baithuti mo diphatseng.
A re matlo a boroko jwa bana a tlhoka go baakanngwa gore bana ba nne le bonno jo bo siameng e bile bo sireletsegile.
Banni ba ne ba supa ngongorego mabapi le tlhaelo ya ditlhabololo mo motseng, ba tlhalosa fa letlhoko la metsi le motlakase e santse e le kgwetlho e tona mo go bone.
Ba ne ba kopa gore ba gopolwe fa go dirwa ditogamaano ka motse wa bone o godile mme ba tlhoka go atolosediwa motlakase le metsi ka a sale e tsenngwa bogologolo motse o ise o gole.
Banni ba re ga ba itumedisiwe ke mosuke wa dipalo tsa bana kwa sekoleng ka o itsa bana go ithuta.
Fa a araba matswenyego a banni, Rre Lesaso o tlhalositse fa ba dumalane ka lenaneo la ditlhabololo tsa motse gore ba tlaa rekela dikole ditilo le ditafole le motshine o o ntsifatsang dipampiri.
Rre Lesaso o boletse fa kgang ya tlhaelo ya dibuka e tlaa baakanngwa mo nakong e khutshwane e bile a supa fa bana ba tlaa simolola go rutwa ka maranyane a dikhomputara go tlhabolola thuto.
O solofeditse banni gore seemo sa tlhaelo ya barutabana se tlaa baakanngwa.
Fa a tswa la gagwe, mokwaledi wa khansele-potlana ya Mahalapye, Mme Gomolemo Moepeng o solofeditse banni gore khansele e tlaa baakanya seemo sa sekole ntswa madi a sa lekane.
Mme Moepeng a re khansele e leka ka bojotlhe gore bana ba nne fa go siameng, mme a kopa batsadi go gakolola bana go nna le boikarabelo jwa go tlhokomela dikago tsa sekole.
Modulasetilo wa khansele- potlana ya Mahalapye, Rre Bantlhasetse Merementsi o boletse fa ba itse ka letlhoko la motlakase le metsi mme a solofetsa banni gore ba tlaa isa kgang e kwa go ba ba lebaneng ka gore motse o godile.
Kgosi Gofaone Khukwane wa Kodibeleng o ne a akgolela banni ba Otse go tla diphuthegong le ntswa ba na le kgwetlho ya go tlhoka kgosi.
Kgosi Khukwane o gakolotse banni go tsaya mananeo a puso go tokafatsa matshelo a bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaone Fati
Location : OTSE
Event : Phuthego
Date : 01 Sep 2022