Breaking News

Kgafela o lela ka bothata jwa lefelo la matlakala

01 Sep 2022

Mopalamente wa Mochudi Bophirima, Rre Mmusi Kgafela o kopile khansele ya Kgatleng go tsibogela seemo sa lefelo la matlakala la Pilane.

Mopalamente o dire kopo fa a ile go lekola seemo sa lefelo leo ka Labobedi.

A re khansele e batle tharabololo ya sennela ruri, e e ka dirisiwang go tokafatsa seemo sa lefelo leo.

Rre Kgafela o supile fa seemo sa lefuti leo, se sa jese di welang, gape se le botlhabetsi mo matshelong a batho.

Gape o ne a kopa khansele go batlisisa thata gore melelo e e runyang gangwe le gape kwa lefelong leo e bakwa ke eng, a re go dira jalo, go ka thusa go itse gore tharabololo e e maleba, e bile e le ya sennela-ruri ke efe.

Rre Kgafela, yo gape e leng tona wa tsa Papadi le Madirelo, o kaile fa nngwe ya dingongora tsa banni ba metse e e mabapi le lefelo, e le go tlhoka go rerisiwa gore tshwetso go tlaa tsewa efe.

A re go botlhokwa gore gangwe le gape setshaba, bogolo jang banni ba metsana ya Pilane, Rasesa, Bokaa le Morwa, ba itsesiwe ka seemo le ditharabololo tse di akantsweng go tokafatsa seemo, ka e le bone ba se arametseng go feta.

Fa a tswa la gagwe, mokwaledi wa khansele ya Kgatleng, Mme Boikhutso Matenge o kaile fa gantsi go osha bontlha bongwe jwa lefelo la matlakala, mme e rile bosheng ga tlhagoga molelo o montsi o o neng o apesitse lefelo ka bophara.

A re go ne ga tlhagoga leru le letona la mosi, a kaya fa se se ne sa tsisa ketsaetsego mo setshabeng ka ba ne ba lemoga fa seemo sa botsogo se tlaa amega.

Mme Matenge a re khansele ya Kgatleng e ne ya duwa thuso, ka ditsompelo ke dikhansele tsa dikgaolo tse di mabapi jaaka Kweneng, Gaborone le Borwa Botlhaba, go leka go laola molelo oo.

A re molelo oo, o ne o fekeetsa metsi a ditimamolelo, mme ba bona go le botoka go tshela mmu fa godimo ga matlakala ba bo ba leka go papiela, ka gore matlakala a ne a setse a sa laolesege.

O tlhalositse fa se e le tharabololo ya nakwana, go santse go emetswe ya sennela-ruri.

A re letlhoko la terata e e agelelang lefelo leo ke lengwe la mathata, mme a solofetsa gore lefelo leo le tlaa teratelelwa mo bogaufing. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Sandra Sethaiso

Location : PILANE

Event : Phuthego

Date : 01 Sep 2022