Ba Serowe ba itumelela seemo sa gompieno
01 Sep 2022
Bontsi jwa banni ba dikgaolo tsa botlhophi tsa Serowe Bophirima, Serowe Bokone le Serowe Borwa ba re dikgaolo tsa bone tse tharo di santse di siame, ka jalo ga di tlhokane le go fetolwa gope kana go okediwa.
Fa ba ntsha megopolo kwa phuthegong e e neng e buisiwa ke lekoko le le sekasekang melelwane ya dikgaolo tsa botlhophi ka Labobedi, banni ba ne ba supa fa dikgaolo tsa bone di itsetsepetse sentle ka dipalo e bile di sa tlhokane le go fetolwa.
Rre Solomon Dikgang, yo e leng mokhanselara wa kgaolwana ya Tidimalo mo Serowe, o ne a re ga go tlhokane le gore dikgaolo tsa bone di fetolwe gope mme metse e tshwana le Mogome, Mokgware le Radisele e ka tswelela e ntse e le mo Serowe Borwa.
O ne a supa fa Malatswae, o o mo Serowe Bophirima, e le kgotla ya Serowe mme o sa tshwanela gore o isiwe kwa kgaolong ya Boteti ka o sa amane le Boteti ka gope.
Mokhanselara yo o itlhophetsweng, Rre Goabamong Sethaba le ene o ne a supa fa dikgaolo tsa Serowe di siame fela ka dipalo tsa bone di lekane e bile di sa oketsega thata.
O ne a supa ngongora ka kgaolo ya Serule ka a supile fa e le gabedi.
A re mokhnaselara wa yone o tsenelela khansele-potlana ya Tonota fa mopalamente wa yone e le wa Serowe Bokone, ka jalo, a re go nna thata fa go dirwa ditiro tsa setshaba di tshwana le kgaoganyo ya madi a ditlhabololo tsa dikgaolo tsa botlhophi le ditlhabololo tse dingwe.
O ne a kopa gore go dirwe sengwe ka kgang eo.
Mopalamente wa Serowe Borwa, Rre Leepetswe Lesedi o ne a re kgaolo ya Serowe Borwa e seka ya fetolwa gope kwa ntleng fela ga gore go tsewe masimo mangwe le meraka mengwe tse di neng di isitswe kwa dikgaolong di sele di busetswe mo kgaolong eo.
A re meraka mengwe ya Moiyabana le masimo a teng di isitswe kwa kgaolong ya Shoshong, ka jalo, di tshwanelwa ke go busiwa.
O ne a kopa gore molelwane wa Serowe Borwa fa o kgaoganang teng le kgaolo ya Sefhare/ Ramokgonami o baakanngwe.
O ne a supa fa batho ba Radisele, Mogome le Mokgware e le ba Serowe mme go sena ka tsela epe e ba ka dumelang gore ba isiwe Palapye.
A re kgang e bangwe ba akanyang gore Serowe e nne kgaolo ka bonosi mme metse e e kwa ntle ga Serowe e nne dikgaolo tse pedi e tlaa nna diphatsa ka gore metse e e kwa ntle e tlaa felela e babalelwa e bo e sa tlhabologe.
O ne a fa sekai ka metse ya Mogome, Mokgware, Radisele le Moiyabana le metse e e mabapi, a supa fa go sena ditlhabololo di tshwana le sekontere, kokelo le dikole mme fa e tshwaragane le motse wa Serowe e ka tokafala.
Rre Lesedi a re Serule, Gojwane, Mogome, Mokgware, Radisele di tshwanetse di tsee ditirelo mo Serowe gore go nyalane.
Le fa go ntse jalo, Rre Meshack Segaetsho le Rre Bapaki Gaonosi, ba e leng banni ba Serowe, ba ne ba kopa gore Serowe e nne kgaolo mme metse e e kwa ntle ga Serowe e kgaoganngwe go nna dikgaolo tse dingwe.
Rre Bitumelo Kedikilwe ene o ne a ntsha mogopolo wa gore metse e e gaufi le kgaolo ya Boteti e tshwana le Malatswae e isiwe teng ka e le gautshwane. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : SEROWE
Event : Phuthego
Date : 01 Sep 2022