Mapodisi a Molepolole a tlhotlhomisa dikgang tsa polao
31 Aug 2022
Mapodisi a Molepolole a tlhotlhomisa ditiragalo tse pedi tse di farologanyeng tse mo go tsone borre ba le babedi ba bolailweng ka mafelo a beke.
E rile fa a bua mo potsolotsong le BOPA, mookamela mapodisi a Molepolole, Superintendent Benedict Matlho a re e ne ya re ka Tshipi mapodisi a amogela pego go tswa kwa masimong a Ga-Ramagapu gaufi le Molepolole go twe mongwe o golafaditswe ka sengwe se se bogale ke setlhophanyana sa batho morago ga go tlhoka kutlwisisanyo fa go itisitswe.
Superintendent Matlho o tlhalositse fa rre yoo, yo o dingwaga di masome mararo le botlhano wa Zimbabwe, a ne a leka go iphalotsa mme setlhopha seo sa batho sa mo leleka sa mo tshwara sa bo sa mo golafatsa ka sengwe se se bogale ka fa morago ga tlhogo.
A re rre yoo o ne a ragosediwa kwa kokelong ya Princess Marina kwa Gaborone ka jaana seemo sa gagwe se ne se tlhobaetsa mme e ne ya re letsatsi le le latelang la Mosupologo, mapodisi a amogela mogala go tswa kwa Marina ba kaya fa rre yoo a tlhokafetse.
Mo nakong ya gompieno Superintendent Matlho a re mmele wa moswi o santse o le mo setsidifatsing sa kokelo ya Marina fa go santse go emetswe gore se tlhatlhojwe ke ba bongaka.
Mmelaelwa mo tiragalong e, o santse a tshegeditswe ke ba molao.
Mo go e nngwe tiriagalo e ntse e le ya polao e e diragaletseng kwa Lentsweletau, Superintendent Matlho a re mapodisi a amogetse pego ka Matlhatso mo maitseboeng ka nako ya bosupa go bolelwa fa borre bangwe ba ne ba tlhoka kutlwisisanyo kwa maitisong mme ga felela mongwe wa bone a tlhabile yo mongwe ka sengwe se se bogale.
Mo pegong eo, go bolelwa fa tiragalo e diragatse fa go ne go itisitswe kwa lefelong la nnotagi kwa kgotleng ya Palamaokuwe kwa Lentsweletau.
Superintendent Matlho a re borre bao go belaesega ba ne ba lwela kgarebe.
A re monna yo o dingwaga di masome mane le boferabobedi o ne a felela a tlhabilwe ke wa dingwaga tse di masome mane le boraro ka sengwe se se bogale mme ga kuiwa mokgosi.
Fa mapodisi ba ragogela kwa lefelong la tiragalo ba feta ba isa rre yoo kwa kokelong ya Scotish Livingstone mo Molepolole.
Superintendent Matlho a re e ne ya re morago ga go tlhatlhojwa ke ba bongaka, ba rurifatsa fa rre yoo a tlhokafetse.
Mmele wa moswi o santse o le mo setsidifatsing sa kokelo fa maina a gagwe a santse a lobilwe go fitlhelela ba lesika ba itsesiwe.
Mo nakong eno ditlhotlhomiso di tsweletse go bona gore ke eng se se ka tswang se bakile dintsho tseo.
E re dikgang di eme jalo, Superintendent Matlho o ikuetse mo setshabeng go ba batlisa segopa sa batho ba go belaelwang ba ka tswa ba bakile polao ya motho e e diragetseng kwa masimong a GaRamagapu ka jaana mapodisi a ise a tshware ope mabapi le tiragalo e e masisi eo.
O bile a ikuela gape mo setshabeng go kopa thuso mo go ba molao kgotsa ope fela fa ba nna le tlhoko kutlwisisano ka jaana a tlhalosa gore dikgang tsa mofuta o, di a oketsega e bile seemo se, se kgotlela kagiso le ledula mo malapeng kgotsa mo setshabeng ka kakaretso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : MOLEPOLOLE
Event : Potsolotso
Date : 31 Aug 2022