Ga ba batle Serowe Borwa a fetolwa leina
30 Aug 2022
Banni ba Mogorosi, Thabala, Motshegaletau, Sehunou, Mabuo le Moiyabana ba re leina la kgaolo ya botlhophi ya Serowe Borwa le seka la fetolwa, mme go baakanngwe melelwane mengwe e e tsietsang bathophi ka nako ya ditlhopho.
Banni ba buile jalo kwa Moiyabana ka Mosupologo, fa pele ga lekoko le le tsamayang le tsaya megopolo mabapi le paakanyo ya melelwane ya dikgaolo tsa botlhophi.
Kgosi Mokopakgomo Kgomokgwana wa Moiyabana a re dikgaolo tsa botlhophi tsa Serowe Borwa, Bokone le Bophirima di tlogelwe ka maina ao, mme go baakanngwe melelwane mengwe e e kgaphetseng ntle metse, masimo le meraka, tse di isitsweng kwa dikgaolong tse dingwe.
O boletse fa metse ya bone e tsaya ditlamelo ko Serowe, mme go sena bothata bope.
Kgosi Kgomokgwana a re ba ba batlang go tswa mo kgaolong ya Serowe Borwa ba ya kwa Palapye, ba tlaa bo ba sa ba direle sentle ka gore dipalo tsa bone di tlaa bo di fokotsega.
Moemedi wa Sehunou, Mabuo le Motshegaletau, Mokhanselara Malau Gabaipone o boletse fa ba dumalane gore kgaolo ya Serowe Borwa e nne jaaka e ntse, mme meraka mengwe e e neng e isitswe kwa kgaolong ya Boteti le Shoshong e busiwe.
O boletse fa batho ba ba batlang go ya Palapye, ba tswa mo kgaolong ya Serowe Borwa ba tlaa ikotlhaya Palapye e setse e le toropo, ka go le mo lenaneong go dira jalo.
Ba boletse fa Radisele, Mogome le Mokgware bontsi jwa banni ba teng e le batho ba Serowe, ka jalo ga ba a tshwanela go ya kwa kgaolong ya Palapye.
Borre Christopher Ramasimong, Baipei Setimela, Mokolobetse Gaefele le Mme Margret Olefile ba re Serowe Borwa e seka ya fetolwa leina.
Rre Kelebamang Mothanka wa Moiyabana o farologane le ba bangwe, ka ene o batla gore motse wa Serowe o tswe mo kgaolong ya Serowe Borwa, mme Mogorosi, Thabala, Motshegaletau, Sehunou, Mabuo, Moiyabana le dipolase di dirwe kgaolo ya Serowe Borwa di le nosi.
Rre Mothanka a re Radisele, Mogome le Mokgware e fudusediwe kwa kgaolong ya ya Palapye, ka go le gaufi le bone, e bile ba tsaya ditlamelo koo.
Fa a ntsha la gagwe, Rre Edward Rantsho wa Mogorosi le ene o ne a re Serowe e tswe mo kgaolong ya Serowe Borwa, mme e ikemele ka nosi.
O boletse fa dipalo di ka ba ganetsa fa ba ka tsaya metse ya Mosolotshane le Moralane go tswa kwa kgaolong ya Shoshong, ka ba le gaufi thata le bone.
Rre Rantsho a re melelwane e tshwanetse go nna jaaka e ne ya dirwa ka 2004, e boele fa e neng e le gone, le ene fela jalo a re Radisele, Mogome le Mokgware di ka wela kwa Palapye ka ba tsaya ditlamelo koo.
Mopalamente wa Serowe Borwa, Rre Leepetswe Lesedi o boletse fa masimo mangwe a a neng a isitswe kwa kgaolong ya Shoshong, a tshwanetse go boela mo kgaolong ya Serowe Borwa.
Mopalamente Lesedi a re batho ba ba nnang kwa Radisele, Mogome le Mokgware ke batho ba Serowe, ka jalo ba tshwanetse go wela mo Serowe Borwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE
Event : Phuthego
Date : 30 Aug 2022