VDC ya Taung e rola mabitla
29 Aug 2022
Komiti ya ditlhabololo ya Taung go bapa le Ramotswa e roletse khansele-potlana ya Borwa Botlhaba Borwa mabitla a masha a a tlhabolotsweng ka P300 000.
Fa a bua kwa mabitleng ao kwa kgaolwaneng ya Boatle bosheng, Kgosi Reuben Masie wa Taung o ne a opela komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Taung legofi go bo e kgonne maikaelelo a yone a go sika mabitla a masha ka jaana a magologolo a omela go tlala.
A re le fa mabitla a roletswe khansele-potlana, go mo maruding a morafe go a tlhokomela gore a nne a babalesegile e bile a le phepa ka jaana e le motse o o itshekileng wa tidimalo.
O gakolotse khansele-potlana ya Borwa Botlhaba Borwa go dirisana le morafe mo go somareleng selebego sa mabitla ao le go netefatsa pabalesego ya one.
Kgosi Masie a re gore lefatshe le seka la tshwarwa matletleisi la tloga la tlala ka bonako, go botlhokwa gore mabitla a segwe sentle a bapile go sa sale diphotlha tse ditona fa gare ga one.
Fa a ntsha la gagwe, mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Taung, Rre Oageng Masie o ne a re komiti e kile ya tshwara bothata go tsamaisa mabitla mme khansele-potlana ya thusa, ke sone se gompieno ba boneng go le botoka go neela khansele marapo.
A re ka thuso le thotloetso ya bogogi jwa motse, komiti e kgonne go agelela mabitla le go aga matlwana a boitiketso le e e beelang dithoto. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : RAMOTSWA
Event : Tholo mabitla
Date : 29 Aug 2022