Breaking News

Kgethololo e itsapisa balwetse

29 Aug 2022

 Go kgethololwa ga batho ba ba lwalang tlhaloganyo ke sengwe sa dilo tse di ba itsang go ipatlela thuso ya bongaka.

Mokgwa oo, go ya ka mooki kwa kokelong ya S’brana kwa Lobatse, Mme Thato Mongweotsile, o dira gore batho ba tlhajwe ke ditlhong mme ba ngodiege go ya ngakeng.

Mme Mongweotsile o ne a bua kwa thuto-puisanyong e e neng e rulaganyeditswe go ruta Batswana ka mathata a tlhaloganyo mo Gaborone bosheng.

Ka jalo o ne a kgothatsa batsena phuthego go ithuta ka makoa a tlhaloganyo le go tsaya ba ba amegileng sentle ba sa ba kgetholole, a tlatsa ka go re kgethololo ga e ame balwetse fela, mme e ama le ba ba tshelang le bone.

A re go kgetholola batho ba go nna jalo go ba gakaletsa bokoa e bile go ba itsapisa go batla thuso.

Mme Mokgweotsile o bile a tlhalosa fa gantsi kgethololo e tsalwa ke go tlhoka go tlhaloganya se se diragalang, ke sone se go leng botlhokwa gore Batswana ba tlhaloganye gore sengwe le sengwe se ka kuketsa bolwetse jwa tlhaloganyo go balelwa le go tlhaela dikotla. “Ka jalo batho ba tlhoka go nna ba bona ba bongaka le go sidilwa maikutlo mo dilong tse di farologanyeng tsa botshelo go itsa gore ba tloge ba tsenwe ke bolwetse jwa tlhaloganyo,” a tlhalosa.

Fa a bua ka S’brana, Mme Mongweotsile o ne a re le fa kokelo eo e le e go romelwang balwetse kwa go yone ke dikokelo tse dingwe, motho o kgona go itsisa tlhatlhobong.

“Gape re fa bogakolodi le tshidilo maikutlo ka tse di farologanyeng di tshwana le mathata a lenyalo, a tsa madi, tiriso botlhaswa ya ditagi, mathata a malapa le a mangwe a selegae.” Mme Mongweotsile a re badiri ba S’brana le bone ba a kgethololwa ka ba bidiwa mainaina a bo ‘mooki wa ditsenwa’.

Fa a ntsha la gagwe, Mme Cathrine Moalosi wa Botswana Substance Abuse Support Network (BOSASNet) o ne a tlhalosa fa bolwetse jwa tlhaloganyo bo ka tsena mongwe le mongwe; mohumi kgotsa mohumanegi, mogolo le ngwana.

Mme Moalosi a re ka jalo go botlhokwa gore batho ba rutwe ka bolwetse jwa tlhaloganyo le di-tla morago tsa jone. “Bolwetse jwa tlhaloganyo ga se boloi jaaka babgwe ba akanya.

Botshelo ka bobone bo kgona go gatelela motho, ka jalo go botlhokwa gore batho ba batle thuso ya gore ba ka tila jang mathata a botshelo.

Gape go botlhokwa go ema ba ba amegileng nokeng e seng go nna go twe ‘go tlaa siama’ ka go sa lekana.

” Mme Agatha Atlholang wa Genuine Fitness o gateletse botlhokwa jwa gore batho ba tsoge sentle mo maikutlong le mo mmeding gore Botswana a kgone katlego ya botlhe jaaka fa pilara ya tebelopele ya 2036 ya ‘tshaba e e itekanetseng’ e batla. “Motho o tlhoka go itekanela mo mmeding, mo tlhaloganyong, le mo moweng. Re tlamega go tlhokomela mmele, maikutlo, setho, tlhaloganyo, mowa, tikologo gammogo le tsa madi le fa re berekelang teng gore re tle re atlege mo botshelong,” a gatelela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : Gaborone

Event : Thuto-dipuisanyo

Date : 29 Aug 2022