Mapodisi a tlhoka thuso ya setshaba
28 Aug 2022
Modulasetilo wa khansele ya Kweneng o tlhalositse fa mapodisi e le basireletsi ba setshaba e bile e le botshabelo fa setshaba se tlhasetswe.
Rre Motlhophi Leo yo gape e leng mokhansalara wa Loologa o supile jaana kwa moletlong wa kabo dietsele tsa baikopanyi ba ba thusang mapodisi go lwantsha borukutlhi (clusters) ba kgaolo ya Kweneng ya No. 11 District kwa Letlhakeng ka Labone.
Rre Leo a re mapodisi ka bonosi ga ba kake ba kgona go lwantsha borukutlhi ka ba tlhoka thuso ya setshaba.
A re ke tshwanelo gore e re fa morafe o bona mongwe a dira borukutlhi, o bo o tsaya kgato ka bofefo, ba seka ba re ga se mapodisi mme a kopa gore ba se ka ba itseela molao mo diatleng, ba lome mapodisi tsebe.
Rre Leo a re seemo sa borukutlhi ke se sele ka Batswana ba utswa marole.
O kopile mapodisi go ntsha letsholo go tsibosa batho ka botlhokwa jwa go tsaya karolo mo go lwantsheng borukutlhi a bo a tlhaolosetsa morafe fa o ka seke o kgone go lwantsha borukutlhi fa o sa fetole ka fa o akanyang ka teng.
O buile gape ka kgokgontsho, a supa fa batho ba ketekwa, bangwe ba betelelwa, bangwe ba bolawa, bangwe ba tshosediwa go bolawa fa ba bangwe ba betelela bana ba bannye.
Rre Leo a re se se botlhoko ke gore Batswana ba felela ba tsholola dikgang tse kwa mapodising mme ba felele ba bolawa.
Rre Leo a re go a itshupa gore bana ga ba a sireletsega mo lefatsheng leno mme a kopa Batswana go leletsa mogala wa mahala wa 0800 600 144 fa ba batla go begela mapodisi sengwe, a bo a ba kopa gore ba seka ba dirisa mogala oo botlhaswa.
O kgothaditse ba ba tsayang dietsele go ititaya ka thupana go dira go feta fa ba dirileng teng, a bo a ba tsibosa gore ba ba sa fenyang le bone ba batla go ipona ba le fa ba leng teng mo nakong e e tlang.
Dietsele tsa baithaopi ba ba diretseng twantsho-borukutlhi mo dingwageng tse di fetang masome a mabedi di ne tsa gapiwa ke Kgosi Moshate Morataote wa Metsibotlhoko, Mme Amogelang Masaseng, Mme Gobotsa Thebe, Mme Boingotlo Gaolatlhe le Rre Patrick Rebatenne.
Dietsele tsa banana ba ba diretseng twantsho-borukutlhi mo dingwageng tse tlhano di ne tsa gapiwa ke Mme Diketso Ramoleele, Rre Oagile Mabu, Mme Mokwena Morongwa le Mme Wame Kesebonye.
Kgaolo ya sepodisi ya Letlhakeng le Thamaga di ne di kganya mo dietseleng tsa morafe o o ipopileng go lwantsha borukutlhi, di longwa serota ke ya Molepolole.
Fa a bua ka ditso tsa go lwantsha borukutlhi mo Botswana, mogolwane wa mapodisi a kgaolo ya Kweneng, Senior Superintendent Modise Gabatshwane o supile fa mapodisi a kile a ne a tshajwa lebaibai bogologolo, mme e rile ka 1984 ga tlhangwa dikomiti tsa twantsho-borukutlhi le dikhwaere tsa teng.
A re se, se ne se direlwa go atumetsa batho mo mapodising.
A re nako e gorogile gore morafe o bitse mapodisi go ba lekodisa gore ba dira eng kana ba ikaelela go dira eng go lwantsha borukutlhi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : LETLHAKENG
Event : Moletlong wa kabo dietsele
Date : 28 Aug 2022