Morafe o batla kgaolo e fetolwa leina
28 Aug 2022
Banni bangwe ba metse ya Mmashoro, Malatswae, Dimajwe le Sehunou ba kopile gore kgaolo ya Serowe Bophirima e fetolwe leina go nna Serowe Bokone Bophirima.
Ba ntshitse kopo eo ka Labotlhano mo diphuthegong tsa kgotla tsa therisano tse di neng di buisiwa ke lekoko le le romilweng go phutha megopolo e e tlaa dirisiwang go sekaseka melelwane ya dikgaolo tsa botlhophi.
Ba supile fa leina la nako eno le sa akaretse metse e e seng mo bophirima jwa Serowe.
Mokhanselara wa kgaolwana ya Palamaokue, Rre Gaotilwe Omphile ke mongwe wa ba ba kopileng gore kgaolo eo e fetolwe leina go nna Serowe Bokone Bophirima.
Mafoko a gagwe a ne a iteelwa kobo moroko ke dibui ka go farologana.
Mo go tse dingwe dikopo, Kgosi Kebadiretse Kebonemang wa Dimajwe a re kgaolo ya Serowe Bophirima e kgaoganngwe gabedi, mme metse ya Dimajwe, Mmashoro, Malatswae, Mabeleapodi, Paje, Tshimoyapula, Majwanaadipitse, Mabeleapodi e gobokwe go nna kgaolo ya bopalamente.
Kgosi Kebonemang a re fa dipalo le tsotlhe tse di tlhokwang di letla metse ya Mogorosi, Thabala Motshegaletau le Moiyabana le yone e ka gobokwa go dira kgaolo e nngwe ya bopalamente.
A re Serowe o ka ema a le nosi e le kgaolo ya bopalamente.
Kgosi Kebonemang a re mo nakong e e fetileng go ne go na le menahune ya gore Dimajwe o tlaa wela ka fa tlase ya kgaolo ya botlhophi ya Tonota, mme morafe ga o dumalane le kakanyo eo ka keletso e le gore ba tswelele ba le ka fa tlase ga ya Serowe Bophirima, e ba kopang gore e fetolwe leina go nna Serowe Bokone Bophirima.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo wa Malatswae, Mme Boitumelo Koogane a re morafe wa motse oo le one o eletsa go tswelela o le mo kgaolong ya Serowe Bophirima.
Mme Koogane a re morafe wa Malatswae o bona ditlamelo tsotlhe kwa Serowe mme go le motlhofo go di bona.
A re mo nakong e e fetielng, Malatswae o kile a bo a tsaya ditlamelo kwa kgalong ya Boteti mme ba ne ba sa kgotsofalele ditirelo tse ba di fiwang koo.
O ne a tlatsa mogopolo wa gore Serowe a ikemele e le kgaolo ya bopalamente.
Rre Entletse Botshwarelo le Rre Fonny Modisagae ba iteetse kobo moroko mafoko a gore Serowe a ikemele e le kgaolo ya botlhophi ya bopalamente.
Mme Shadi Kelebile wa Dimajwe ene o ne a kopa gore meraka ya Zuruzwane le Zwagoreng, e mo nakong eno e welang kwa kgaolong ya bopalamente ya Tonota, e boele kwa Serowe Bophirima ka gore banni ba meraka eo ba tsaya ditlamelo tsotlhe kwa Dimajwe.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : MMASHORO
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 28 Aug 2022