Breaking News

Mokgatlho wa Re a nyalana o tokafatsa matshelo

28 Aug 2022

Kgosi Morota Tiro wa Mabule a re moletlo wa Re a Nyalana o fetola matshelo a Batswana ba ba sa kgoneng ditshenyegelo tsa lenyalo e bile o ba fa seriti.

O buile mafoko ao mo moletlong o o neng o kopanya borre le bomme ba ba sa bolong go nna mmogo lebaka le le telele mme ba sena ditsompelo tsa go nyalana.

O akgotse ba ba tsereng kgato ya go simolodisa moletlo oo, a re go le gantsi batho ba paledisiwa go nyala ke go tlhoka ditsompelo le diphapang tsa malwapa.

A re tiro eo, e dira gape gore dithoto tsa bone le bana ba bone di sireletseg, mme e bile ga e kake ya re mongwe wa bobedi joo a sena go hulara go sale go nna dintwa le ba masika a yo o seyong.

Rre Eric Molale yo e leng mopalamente wa Good Hope/Mabule, o kopile banyadi bao gore e re jaaka ba tsena mo nyalong jalo, ba leke ka thata go dibela manyalo a bone.

O ba eleleditse masego le matlhogonolo mo bokopanong jwa bone, a re o solofela gore ga e kake ya re morago ga malatsi go bo go utlwala modumo mo malwapeng ao go twe go letswe go sa robalwa.

Mme Babedi Ncaagae wa lekalana la tlhokomelo le tshireletso ya malwapa a re Re a Nyalana ke pinagare ya lolwapa ka jaana e aga setshaba ka manyalo.

O ne a gatelela mafoko a ga Kgosi Tiro gore Re a Nyalana e thusitse thata go fokotsa dikgang tsa malwapa.

A re lenyalo le fa malwapa serodumo mme e bile le tsisa thitibalo le thokgamo mo lwapeng.

O supile fa batsadi ba tlaa nna le sebaka sa go godisa bana ba bone sentle ba le mmogo, mme a re seo se tlaa fokoletsa puso go isa ditlamelo di tshwana le tsa tshidilo maikutlo kwa setshabeng.

Mme Annah Morwaagole yo o eteletseng Re a Nyalana pele, a re monate wa tiro eo ke gore banyadi ba tsena mo kgolaganong eo ba setse ba fetile ka dikgwetlho tse dintsi tsa botshelo.

A re seo se dira gore go seka ga nna le dikgang tsa ditlhalo ka jaana bobedi joo bo abo bo setse bo ithutile dilo ka bontsi, mme jaanong ba tsena mo nyalong ka kitso e e feletseng.

O tsweletse ka go re banyalani ba nna le sebaka sese feletseng sa go rutwa ka dilo di  tshwana le go aba boswa go itsa gore bana ba sale balwa.

Mongwe wa banyadi, Rre Kgotlayame Tseladitshaba a re o itumelela gore tiro eo e fetotse botshelo jwa gagwe, a re e mo file le sone seriti.

“E nitamisitse lelwapa la me le gone go sireletsa bokamoso jwa bana ba me,” ga bua Rre Tseladitshaba.

O boletse gore e sale a ntse le mosadi wa gagwe ka 1982, mme a paledisiwa go mo nyala ke mabaka a itsholelo.

A re se se mo itumedisang ke gore ba setse ba agile motse mmogo, mme jaanong tiro eo e ne e le go netefatsa fela gore lelapa la gagwe le nna le serodumo jaaka malapa a mangwe.

Moletlo oo wa Re a Nyalana o setse o golagantse banyalani ba feta dikete di le thataro le makgolo a roba bobedi. BOPA

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : MABULE

Event : Moletlo wa Re a Nyalana

Date : 28 Aug 2022