Bontle jwa tlhago le ngwao di-ya thoteng di bapile
28 Aug 2022
Barweetsana ba ba tseneletseng Miss Independence Kgatleng ba rotloeditswe go somarela ngwao le go ikgapha mo ditirong tse di maswe.
Se se builwe ke dibui ka go farologana kwa ithutuntshong e ba neng ba e tseneletse kwa Artesia ka Matlhatso.
Mothusa kgosi wa Bakgatla ba ga Kgafela, Kgosi Bana Sekai o ba rotloeditse go tsaya dithuto ka tlhoafalo jaaka fa ba ne ba rutiwa ngwao ya Setswana ya go apaya dijo tsa setso, go kgapha le go gama dipodi.
Kgosi Sekai a re ditiro tse, di tlaa ba bopa go nna bomme ba ba nang le boikarabelo, ba ba tlaa eletsegang mo setshabeng.
O ne gape a re dithuto tseo ba tlaa di dirisa mo malwapeng a bone mme di ba thuse go godisa bana ba ba tlaa tsamayang mo dikgatong tsa bone.
Kgosi Sekai o tlhalositse fa go rupa e leng bogwera le bojale, e le thuto e e neng e fiwa banna le basadi, e ba bopa go nna le maitshwaro a a siameng.
O boletse gore ntswa dithuto tsa teng di le sephiri, bogwera bo ruta monna gore o tshwanetse go itlhokomela jang le gore lelwapa le tlhokomelwa jang.
Kgosi Sekai o boletse fa Bakgatla ba ne ba dira loaro mo go ba ba rupang le gompieno le rotloediwang ke puso, mme le dirwa ke ba bongaka.
Modiri mo mererong ya tsa itloso bodutu, Mme Zenzel Hirschfield o rotloeditse barweetsana gore ba ngaparele ngwao e bile ba ikgantshe ka Botswana jwa bone. Mme Hirschfield, yo o dirang thata le baopedi ba mono, o rotloeditse bommabontle gore ba seka ba senya nako ba ngongorega ka dilo tse di senang boleng mme ba lebelele gore ba ka fenya kgaisanyo jang.
Mongwe wa bommabontle, Mme Neo Monametsi, o ne a botsa mabutswapele gore bogologolo go ne go dirwa jang gore banana ba seka ba ikgapela matshelo, mme a tlhalosediwa fa malwapa a ne a kitlane e bile masika a itse gore a kopanetse go godisa ngwana.
Mabutswapele a tlhalositse gore mo dinakong tsa bone, ba ne ba tshameka mantlwane motshegare, mme e re bosigo ba ore molelo, go tlhajwa mainane le dithamalakane, ka jalo go sena dilo tse di ba wetsang dingalo jaaka gompieno.
Ba re ba ne ba sa kale matshelo a bone ka a batho ba bangwe, mongwe le mongwe a tshela ka mo a kgonang ka teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebagano Ntshole
Location : ARTESIA
Event : Miss Independence Kgatleng
Date : 28 Aug 2022