Breaking News

Baithaopi ba Kweneng ba abelwa dietsele

28 Aug 2022

Baikopanyi ba ba thusang mapodisi go lwantsha borukutlhi mo kgaolong ya Kweneng ba ne ba abelwa dietsele kwa Letlhakeng ka Labone.

Fa a amogela baeng kwa tirong eo, mothusa kgosi ya Letlhakeng Kgosi Tumelo Puleng, o supile fa kgaolo ya Kweneng e aperwe ke borukutlhi, a re bosheng dirukutlhi di thubile motshine wa banka ya Access o le mosha go tsenngwa kwa motseng oo.

Kgosi Puleng o tlhalositse fa  baikopanyi ba ba fiwang dietsele ba le botlhokwa ka jaana ba thusa mapodisi go dira tiro.

Mothusa kgosi ya Bakwena Kgosi Lawrence Mhaladi o ne a kopa Motswana mongwe le mongwe go tsaya karolo mo go lwantsheng borukutlhi.

O supile fa mapodisi ba ka seke ba kgone go lwantsha borukutlhi ba le nosi, mme a kopa botlhe go ema ka dinao go thusa.

Mothusa kgosi o ne a tlhalosa fa borukutlhi jo bo ka kgoreletsa maiteko a ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a go ngokela babeeletsi go tla mo lefatsheng leno.

O kopile Batswana go ema ka dinao go fa bosupi fa go tlhokafala, a bo a ba kopa  gape go tswa mo mokgweng wa segologolo wa go batla go ‘jesiwa sengwe’.

O ne a gwetlha dikgosi tsa Mokwena go ntsha lentswe kgatlhanong le borukutlhi, a supa fa kgosi ya Loologane a ne a emisa diletso tse di modumo kwa motseng wa gagwe.

Kgosi Mhaladi o tlhalositse fa Batswana ba tshela botshelo jo ba sa bo tlwaelang jwa go boifa, a bo a supa fa batho ba tlaa tshaba go tla mo lefatsheng leno le le itseweng ka thokgamo.

O kopile baikopanyi gore ngwaga e e tlang kgaolo ya Kweneng e bo e le yone e di gogang kwa pele ka dietsele tsa go lwantsha borukutlhi.

Kweneng mo sepodising e akaretsa Sojwe, Molepolole, Thamaga, Letlhakeng le Takatokwane. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKENG

Event : Kabo ya dietsele

Date : 28 Aug 2022