Breaking News

Bulelang magolewa dikgoro

28 Aug 2022

Mookamela badisa magolegwa kwa Tsabong, Senior Superintendent Keitumetse Keitumetse o kgothaditse morafe setshaba go amogela magolegwa fa ba gololwa kwa kgolegelong ka seo se ka ba thusa go iphapha mo go direng molato gape.

A re go dira jalo go ka dira gore ba ikutlwe ba phuthologile fa ba tsena kwa metseng ya bone.

Senior Supt Keitumetse o buile jaana kwa kgotleng kgolo ya Tsabong ka Labone fa morafe o ne o begelwa ka lenaneo la go aga magolegwa sesha (Offender Reintegration Progaramme) ka tshwaragano le setshaba.

O boletse fa tiro ya lephata la dikgolegelo e le go bopa magolegwa sesha ka go aga le go ba sidila maikutlo, gore ba seka ba boelela go dira melato e ba neng ba e tshwaretswe ka ba tlaa bo ba ikagile e bile ba tlhanogetse dikakanyo le mekgwa e e duleng mo tseleng.

A re lenaneo le le tsile morago ga gore puso e lemoge fa magolegwa ka bontsi ba boela kgapetsakgapetsa mo dikgolegelong ka ga ba amogelwe mo setshabeng ntateng ya gore baa bo ba santse ba dilolwa, ba kgobotlediwa ka mafoko mme seo se sa itumedise lephata la dikgolegelo.

Senior Supt Keitumetse o tlhalositse fa lephata la dikgolegelo le tswa kgakala ka go tlhomamisa gore fa motho a gololwa, o na le dikitso le maele a botshelo a o a amuleng kwa kgolegelong, ka go rutuntshiwa ka ditiro tsa diatla gore fa a le kwa ntle, a kgone go itshetsa le go tlhabolola botshelo jwa gagwe le ba lolwapa lwa gagwe.

O boletse fa lenaneo la kago sesha maogolegwa le le botlhokwa ka lephata la dikgolegelo le tlaa tshwaraganela magolegwa le setshaba go ba batlela mmereko kwa maphateng a puso, selo se a supileng fa se ka nna bonolo ka go tlaa bo go na le komiti e e bopilweng ka maloko a le lesome, modulaetilo e le kgosi kana kgosana fa mokwaledi e le ba lephata la dikgolegelo le batho ba bangwe ba motse.

Mogolwane go tswa kwa lephateng la dikgolegelo kwa Tsabong, a itebagantse le go bopa le go ruta magolegwa ditiro tsa diatla, Rre Teko Motshwarakgole o tlhalositse fa batho ba nna kgolegelo lobaka mme seo se ba fa sebaka sa go tsalwa sesha ka ba ruthuntshiwa ka mananeo a a farologaneng le maitsholo a setho a a eletsegang mo setshabeng.

Rre Motshwarakgole o tlhalositse fa magolegwa ba rutuntshiwa go ikgapha mo melatong e akaretsa petelelo, tlhakanelo dikobo le bana, kgokgontsho ya bong le tse dingwe mme ba rutwa sesha go tshela le morafe fa ba tswela kwa ntle.

O boletse fa e ne ya re puso go lemoga gore magolegwa a boela kwa setshabeng go sena se ba itshetsang ka sone, lephata la dikgolegelo la simolodisa mananeo a a farologaneng jaaka temo-thuo, kapei, go sega, kago le go betla mme ba ba dirileng sentle ba neelwe ditlankana gore ka tsone ba kgone go batla tiro.

A re gape ba tsena ga-e-golelwe go fitlha kwa go ithuteleng ditiro, go tswa fela gore o na le lobaka lo lo kae mo kgolegelong le go re a motho a na le kgatlhego.

Rre Motshwarakgole a re ba rutwa ka metshameko, bodiragatsi le ngwao.

Fa a ntsha la gagwe, Sergeant Goitsemodimo Sejabosigo yo e leng mmaboipelego o tlhalositse fa ka lenaneo le lesha ba lephata la dikgolegelo ba tswelela ka go lekola magolegwa fa ba le kwa malwapeng, go tlhomamisa gore ba amogelesegile le gore ba tshela jang mme ba tswe ka megopolo ya go rarabolola dikgang tse di ka tlhagang mo setshabeng kana kwa malwapeng.

Sergeant Sejabosigo o boletse gore fa motho a tshwarwa, masika a letlelelwa go mo tlhola kwa kgolegelong, e le tsela ya go supa lorato le kemonokeng mo go ene le gone go mo sidila maikutlo.

Banni ba Tsabong ba ne ba leboga lephata la dikgolegelo ka lenaneo la go bopa magolegwa sesha ka go le pele ba ne ba amogelwa ka go ngodiega fa bangwe ba ne ba sa amogelesege gotlhelele mme tsholefelo e le go nna le maduo mo isaong.

Mongwe wa batsena phuthego, Mme Boronamang Ramogono o ne a ngongoregela gore magolegwa mangwe ga ba latlhe mekgwa ya bone morago ga go tswa mo kgolegelong, a supa fa bangwe ba sa fetoge le ntswa ba bopilwe sesha. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Phuthegong ya kgotla

Date : 28 Aug 2022