Breaking News

Ba Serule ba batla go tswa mo Serowe bokone

25 Aug 2022

Banni mo kgaolong  ya  Serowe Bokone ba ntshitse megopolo e e farologaneng ka go kgaoganngwa ga melelwane ya dikgaolo tsa bopalamente.

Bangwe ba boletse fa ba batla go tswa kwa kgaolong ya Serowe Bokone ka ba tsaya ditlamelo gaufi le bone kwa Tonota gona le kwa Serowe.

Ba buile se kwa Serule ka Labobedi kwa phuthegong e e neng e tshwerwe ke lekoko le le tlhomilweng ke Tautona go tsaya megopolo mo setshabeng mabapi le tshekatsheko ya melelwane ya bopalamente.

Moemedi wa banni ba Serule, Rre Gabanakgosi Toteng o begetse lekoko gore banni ba Serule ba dumalane gore metse ya Serule/Gojwane e hudusediwe kwa Tonota, ba lebile bogaufi.

Rre Toteng o boletse fa banni ba metse eo ba thusiwa ke khansele potlana ya Tonota le bontsi jwa diofisi tsa puso tse di ba thusang di le kwa Tonota.

A re ofisi ya mopalamente e e kwa Serowe mme go le kgakala fa ba batla thuso ya gagwe, mokhanselara ene a wela kwa kgaolong potlana ya Tonota selo se se ba tlhokisang tomagano ebile go dia ditlhabololo.

Fa banni ba Moreomabele, moemedi wa motse, Rre Ishmael Tsiapane o boletse fa bone ba batla go tswa kwa Serowe Bokone ba esiwe Palapye kwa ba tsayang ditirelo teng ebile go le gaufi.

A re ba thusiwa thata ke diofisi tsa khansele potlana ya Palapye le tse dingwe tsa puso.

Rre Dicahaba Kabelo a emetse banni ba Topisi, o boletse fa ba dumalane gore ba seka ba tswa kwa kgaolong ya Serowe Bokone ka gore Palapye o gomagomelwa ke gonna toropo mme a ka  jalo o ka imelwa fa go ka nna jalo.

Rre Kabelo a re ba siame kwa kgaolong ya Serowe Bokone ka gore banni ba metse e e foo, ba a itsane ebile ba utlwana ka puo le ngwao tsa bone.

A re ditsatlholego tse di mo lefelong leo jaaka dithaba, melapo le maje a mantle ke tse  di tlogetsweng ke borrabone mogolo  ebile go na le mabitla a bone teng.

Kgosi Kgomotso Boiditswe wa Topisi o boletse fa melelwane ya sepolotiki e nyobokileng dilo, ya tlhakatlhakanya metse le mafelo a mangwe.

Kgosi o tlhalositse fa bontsi jwa ba ba mo lekokong, ba sa etsi mekono ya melelwane, a re go ka bo go akarediwa mo lekokong, dikgosi tse di etsing melelwane botoka go ba fa kaedi.

A o ngongoregile thata fa palo ya batho e e dirilweng monongwaga, e tlogetse morafe o montsi o sa balwa mme seo se ya go baya ka fa mosing dikgaolo dingwe ka gore dipalo di tlaabo di le kwa tlase.

Kgosi Boiditswe o ne a tladiwa ke Rre Seitshiro Bolotsang ka gore ka nako ya palo batho, bontsi bo ne bo ile go bapala phane kwa sekgweng. O boletse fa kgaolo ya Serowe Bokone, dipalo di ne tsa nna di nyennyane ka batho ba sa balwa.

Rre Shima Kebonang wa Serule o ntshitse mogopole wa gore Serule e nne kgaolo ya botlhophi ka bo yone e tswe kwa Serowe Bokone.

A re metse e e ka dirang kgaolo ya Serule e ka nna Serule, Fole, Topisi, Gojwane, Damochujenaa, Moreomabele, Tshimoyapula, Mabeleapudi, Paje, Dimajwe, Majwanaadipitse le Mmashoro.

A re Serowe Bokone e bo e sala kwa Serowe ka motse wa teng o godile fela thata, a re seo se ka kgonisa baemedi ba sepolotiki go bereka ba sa sokole.

Rre Gosotwamang Moetse o boletse fa batho ba Serule ba sa bolo go kgarakgatshiwa bobe ba wela kwa dikgaolong tse dingwe.

A re ba kile ba isiwa kwa Bobonong, Mmadinare, Palapye, Tonota gompieno ba kwa Serowe Bokone mme ba tsaya ditirelo kwa Tonota, a re ba tlogelwe kwa Tonota.

Mokhanslelara wa Serule/Gojwane, Rre Oikagetse Freddy a re o bona botoka Serule le Gojwane di ka wela kwa kgaolong ya Tonota ka ba tsaya ditlamelo teng ebile go le gaufi.

Fa mokhanselara Samuel Kenalemang wa Topisi a re melelwane ya bone e ne ya ngotlwa nako ya tshekatsheko ya lekoko le le fetileng.

Mopalamente wa Serowe Bokone, Rre Baratiwa Mathoothe a re go botlhokwa go tsaya megopolo mo natlhophing ka ke bone ba ittseng kwa ba tsayang  ditlamelo teng..

 

Rre Mathoothe o boletse fa melelwane e ne e sa dirwa sentle ka gore mengwe e ne e ralala metse ka bogare e mengwe e kgaphela masimo le meraka kwa ntle.

Modulasetilo wa lekoko, Justice Mokwadi Gabanagae a re kgaolo ya Serowe Bokone ka palo batho ya 2012 e ne e na le batho ba le 33 404 mme gompieno ka 2022 go bonwe batho ba le 37 879. BOPA

 

 

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetla

Location : SERULE

Event : Phuthegong ya kgotla

Date : 25 Aug 2022